Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 4:21 - Setswana 1970

21 Morena a laela Moše jaana a re: “E re ka o le mo tseleng go boela kwa Egepeto, o tlhokomele gore o dire dikgakgamatso fa pele ga Farao tse ke di tsentseng mo diatleng tsa gago. Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya gagwe, mo a se neng a leseletsa morafe go ka huduga.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi Yehova a raea Moshe, Ere mogañ u bañ u boela hatsiñ ya Egepeto, itse gore u rihe likhakhamaco cotle ha pele ga Faroe, tse ki li tsentseñ mo atleñ sa gago: mi ki tla thatahatsa pelu ea gague, mi ga a kitla a lesa bathu ba ea.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 Jehofa a raya Moše a re: “E tlaa re o boela kwa Egepeto, o bone gore o dire fa pele ga Faro dikgakgamatso tse ke di go tsentseng mo seatleng; ke tlaa thatafatsa pelo ya gagwe, ga a ketla a leseletsa batho ba tsamaya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 4:21
34 Iomraidhean Croise  

Ke fa Morena a re: “Mowa wa me ga o kitla o busa mo mothong ka bosakhutleng, gonne le ene ke nama. A malatsi a gagwe e nne dinyaga di le 120 fela.”


Mme Morena a o botsa a re: ‘Ka eng?’ Wa re: ‘Ke tla bolola go ya go nna mowa wa maaka mo melomong ya baporofeti botlhe ba gagwe.’ Morena a re: ‘O tla mo tsietsa, le gona o tla mo kgona. Tsamaya o dire jalo.’


O ne a ba tlhanola dipelo gore ba tlhoe morafe wa gagwe, ba direle batlhanka ba gagwe ka bolotsana.


jale fa o ne o dira ditshupo tsa ona kwa lefatsheng la Egepeto, le dikgakgamatso tsa ona mo nageng ya Soane.


Morena a ba a raya Moše a re: “Yaa kwa go Farao; gonne ke thatafaditse pelo ya gagwe le dipelo tsa batlhanka ba gagwe gore ke dirafatse ditshupo tsa me tseo mo gare ga bone.


Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se lese Baiseraele go tsamaya.


Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao, a se ka a rata go ba naya tsela.


Moše le Arone ba ne ba dira dikgakgamatso tsotlhe tseo fa pele ga Farao, mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao mo a sa kgoneng go lesa Baiseraele go huduga mo lefatsheng la gagwe.


Mme Morena a raya Moše a re: “Farao ga a kitla a lo utlwa, mme e le gore dikgakgamatso tsa me di ntsifale mo lefatsheng la Egepeto.”


Bona, ke tla thatafatsa dipelo tsa Baegepeto gore le bone ba tsene ba lo setse morago. Ke tla ikgalaletsa jalo ka Farao le ka mephato yotlhe ya gagwe le ka dikoloi tsa ntwa tsa gagwe le ka bapalami ba tsona.


Mme ke tla thatafatsa pelo ya Farao gore a ba latele. Ke tla ikgalaletsa ka Farao le ka mephato yotlhe ya gagwe. Baegepeto ba tla lemoga jalo, fa ke le Morena.” Baiseraele ba dira jalo.


Mme Morena o ne a foufaditse pelo ya Farao, kgosi ya Egepeto, gore a latele Baiseraele, a sa bone gore Baiseraele ba hudugile ka letsogo la Morena le le tsholetsegileng.


Fela ke itse gore kgosi ya Egepeto ga e ka ke ya lo dumelela go tsamaya, fa e sa patelediwe ka thata.


Mme ke tla otlolola letsogo, ke itaya Egepeto ka dikgakgamatso tsa me tsa mefutafuta tse ke tla di dirang teng. Morago ga moo kgosi e tla lo rebola.


Fela pelo ya ga Farao ya thatafala; a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boletse.


Fela nna ke tla thatafatsa pelo ya ga Farao, ke ntsifatsa ditshupo tsa me le digakgamatso tsa me mo lefatsheng la Egepeto.


Digwagwa di tla tlosiwa jalo mo go wena le mo malapeng a gago le mo batlhankeng ba gago le mo morafeng wa gago, di nna mo nokeng fela.”


Ya re Farao o bona fa a imologile, a boela a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse pele.


Mme le ka sebaka seo Farao a thatafatsa pelo ya gagwe gape, a se ka a naya morafe tsela.


Mme Morena a thatafatsa pelo ya ga Farao gore a se ka a ba utlwa, fela jaaka Morena a boleletse Moše.


Pelo ya ga Farao ya thatafala jalo, mme a se ka a lesa Baiseraele gore ba tsamae, jaaka Morena a ne a boleletse pele ka Moše.


Thatafatsa dipelo tsa morafe o, o thibe ditsebe tsa ona, o foufatse matlho a ona gore o se bone ka matlho, o se ka wa utlwa ka ditsebe, mme dipelo tsa ona di se ka tsa lemoga, gore o se ka wa tlhabologa, wa fodisiwa.”


Morena ke ka ntlhaang, fa o re leseletsa go fapoga mo ditseleng tsa gago; fa o thatafatsa dipelo tsa rona, mo re sa tlholeng re go boifa? Boa ka ntlha ya batlhanka ba gago le ka ntlha ya ditso tse e leng boswa jwa gago!


“O foufaditse matlho a bone, a thatafatsa dipelo tsa bone gore ba se bone ka matlho le e seng go tlhaloganya ka pelo, ba tloga ba sokologa, mme ka ba fodisa.”


Mme ka ba ne ba sa re sepe go itse Modimo, Modimo o ba neeletse mo maitlhomong a bokgopo go dira dilo tse di sa tshwanelang,


Ke ka moo o itshwarelang yo o ratang go mo itshwarela; e bile o thatafatsa pelo ya yo o ratang go e thatafatsa mo go ene.


mo go bangwe ke lonko lwa loso go isa losong, mme mo go ba bangwe ke lonko lwa botshelo go isa botshelong. Mme kana ke mang yo o nonofetseng dilo tse?


Go tloga kwa motseng wa Aroere o o fa losing lwa nokana ya Arenone le go tloga motseng o o mo molapong go ya go fitlha kwa Gileate, ga re a ka ra palelwa ke motse ope. Morena, Modimo wa rona, a neela metse yotlhe mo diatleng tsa rona.


Gonne e ne e le Morena yo o thatafatsang dipelo tsa bone, mo ba bololang go tlhabana le Baiseraele gore bone ba dirafatse khutso ya Modimo mo go bone, mme ba se ka ba bona bopelotlhomogi bope, mme ba ba fedise jaaka Morena a laotse Moše.


“lentswe le le kgopang, letlapa la seru;” bone ba a kgotšwa, ka ba sa utlwe Lefoko; ke sona se ba bileng ba se beetswe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan