Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 4:11 - Setswana 1970

11 Ke fa Morena a mmotsa a re: “Ke mang yo o fileng motho molomo, ke mang yo o dirang motho semumu gongwe sesusu gongwe mmoni gongwe sefofu? A ga se nna Morena?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi Yehova a mo raea E mañ eo o rihileñ mothu molomo? khotsa e mañ eo o rihileñ ba simumu, le ba boshushu le baboni, le ba bohohu? A ga si ’na Yehova?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Jehofa a mo raya a re: “E mang yo o dirileng molomo wa motho? Kgotsa e mang yo o dirang motho gore a nne semumu, gongwe a nne susu, gongwe a nne yo o bonang, kgotsa a nne sefofu? A ga se nna Jehofa?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 4:11
18 Iomraidhean Croise  

Tlayang a re fologeleng teng, re tlhakatlhakanye puo ya bone gore ba se ka ba utlwana ka puo.”


A go na le sengwe se se ka palelang Morena? Isago ka nako e e beilweng ke tla boela kwano go wena; foo Sara o tla bo a na le ngwana wa mosimane.”


Morena o foufolola difofu; Morena o tsosa ba ba obegileng; Morena o rata basiami.


Batlodi ke tla ba ruta ditsela tsa gago gore baleofi ba sokologele kwa go wena.


A ena yo o tlhomileng tsebe ga a ka ke a utlwa? A ena yo o bopileng leitlho ga a ka ke a bona?


Tsebe e e utlwang le leitlho le le bonang, Morena o di dirile ka bobedi jwa tsona.


gore o budulole matlho a difofu, o ntshe batshwarwi mo botshwarong, le ba ba ntseng mo lefifing mo ntlong ya kgolegelo.


a le amisa molomo wa me a re: “Bona, legala le, le amile molomo wa gago; jaanong molato wa gago o tlogile, boleo jwa gago bo itshwaretswe.”


Mme ka re: “Ao, Morena Modimo! Kana ga ke itse go bua. Gonne ke sa le mošwa.”


Ke fa Morena a ntsha seatla, a nkama molomo; Morena a ba a nthaya a re: “Bona, ke baya mafoko a me mo molomong wa gago!


Seatla sa Morena se ne se le mo go nna mantsiboana, mofalodi a ise a tle, Morena a ise a bule molomo wa me; ga tsamaya a tla kwa go nna mo mosong, ke fa molomo wa me o bulega, ke sa tlhole ke le semumu.


Gongwe a go ka lediwa lonaka fela mo motseng, batho ba sa tshoge? A kotsi e ka dirafalela motse e Morena a sa e dirafatsang?


Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a phepafadiwa, disusu di a utlwa, baswi ba a tsosiwa, bahumanegi ba rerelwa Efangele.


Mme bona, o tla nna semumu, o retelelwa ke go bua go fitlha mo letsatsing le dilo tseo di tla dirafalang ka lone, ka o sa dumela mafoko a me a a tla dirafadiwang ka sebaka sa ona.”


Foo molomo wa gagwe wa bulega ka bonako, le loleme lwa gagwe lwa funologa, a ba a bua, a baka Modimo.


Ba bangwe ba re: “Mafoko a ga se a motho yo o nang le modemone. A modemone o ka kgona go foufolola matlho a difofu?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan