Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 4:10 - Setswana 1970

10 Mme Moše a raya Morena a re: “Ao! Morena, ga ke itse go bua sentle, fa e sa le ke tsalwa go fitlhelela kajeno, o ntse o bua le motlhanka wa gago. Gonne ke molomo o bonya, ke loleme lo bonya.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 ¶ Mi Moshe a raea Yehova, Au, Morena oa me! ga ki monona eo o puo eiñtle, le ka motla o o hetileñ, le go motla o u buileñ le motlañka oa gago ka ona: mi ki molomo o o bonya, le loleme lo lo bonya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Moše a raya Jehofa a re: “Ao, Morena, ga ke motho yo o itseng go bua sentle, le fa e le gale, le fa e le o sena go bua le motlhanka wa gago, gonne ke bonya mo puong, ke bile ke loleme lo bonya.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 4:10
11 Iomraidhean Croise  

“Ee ruri, batho ke lona; botlhale bo tla swa le lona.


Moše a fetola Modimo a re: “Nna ke mang, yo nka yang kwa go Farao go ntsha Baiseraele mo Egepeto?”


Moše a fetola a re: “Fa ba sa ntumele, ba sa utlwe lentswe la me, ba re: ‘Morena ga a ka a iponatsa mo go wena, ke tla dirang’?”


Mme Moše a bua fa pele ga Morena a re: “Bona, fa Baiseraele ba sa nkutlwe, Farao ene o tla nkutlwa jang, ke le yo o sa itseng go bua sentle.”


Mme Moše a bua fa pele ga Morena a re: “Kana ga ke itse go bua sentle. Farao o tla ntheetsa jang?”


Mme ka re: “Ao, Morena Modimo! Kana ga ke itse go bua. Gonne ke sa le mošwa.”


Kana ke go ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto, ka go rekolola mo ntlong ya botlhanka; ka roma Moše le Arone le Miriame gore ba go etelele pele!


Moše a rutwa botlhale jotlhe jwa Baegepeto, a nonofa mo mafokong le mo ditirong tsa gagwe.


Gonne ba re: “Dikwalo tsona di bokete, di thata, mme fa a le teng ka boene, o bokoa, e bile puo ya gagwe e a nyatsega.”


Le fa ke se setswerere mo go bueng, ntlheng ya kitso ke sona, mme re e lo senoletse gotlhe fa pele ga botlhe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan