Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 4:1 - Setswana 1970

1 Moše a fetola a re: “Fa ba sa ntumele, ba sa utlwe lentswe la me, ba re: ‘Morena ga a ka a iponatsa mo go wena, ke tla dirang’?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI Moshe a araba, a re, Mi bona, ga ba kitla ba ’ntumela, le esiñ go retsa koru ea me: gone ba tla re, Yehova ga a e si a gu ipontse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Moše a fetola a re: “Bona, ga ba ketla ba ntumela le fa e le go reetsa lentswe la me; gonne ba tlaa re: ‘Jehofa ga a a go bonalela.’ ”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 4:1
14 Iomraidhean Croise  

Le gona a ba naya sesupo se se gakgamatsang ka letsatsi leo a re: “Sesupo sa go re Morena o buile jalo ke se: Bonang, aletare e tla phatloga, mme go tshologa molora o o mo go yona.”


Mme ene a re: “Ke mang yo o go beileng molaodi le moatlhodi wa rona? A o rata go mpolaya jaaka o bolaile Moegepeto yole?” Ke fa Moše a tshoga a re: “Ka nnete, tiro eo e utlwetswe.”


Modimo wa bua gape le Moše wa re: “O ree Baiseraele jaana o re: ‘Morena Modimo wa borraeno, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, ke ona o o nthomileng kwano go lona.’ Ke lone leina la me ka bosakhutleng, ke lone le ke bidiwang ka lone ke ditshika tsotlhe.


Yaa he, o phuthe bagolo ba Baiseraele, o ba ree o re: ‘Morena Modimo wa borraeno o iponaditse mo go nna; Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe wa re: Ruri, ke lo etse tlhoko le tse lo di diretsweng mo Egepeto,


“Ba tla utlwa lentswe la gago; mme wena o ye kwa kgosing ya Egepeto, o na le bagolo ba Baiseraele, lo e ree lo re: ‘Morena Modimo wa Bahebere o kgatlhanye le rona. Jaanong ge, a ko o re letlelele go ya kwa sekakeng ka leeto la malatsi a le mararo, re ye go direla Morena Modimo wa rona ka ditlhabelo.’


Mme Moše a raya Morena a re: “Ao! Morena, ga ke itse go bua sentle, fa e sa le ke tsalwa go fitlhelela kajeno, o ntse o bua le motlhanka wa gago. Gonne ke molomo o bonya, ke loleme lo bonya.”


Arone a bolela mafoko otlhe a Morena o neng a a buile le Moše, mme Moše a dira ditshupo tsele fa pele ga matlho a morafe.


Morafe wa dumela. Ya re ba sena go utlwa gore Morena o etse Baiseraele tlhoko, o bonye pogisego ya bone, ba inama, ba obamela Modimo.


Mme Moše a bua fa pele ga Morena a re: “Bona, fa Baiseraele ba sa nkutlwe, Farao ene o tla nkutlwa jang, ke le yo o sa itseng go bua sentle.”


Mme Moše a bua fa pele ga Morena a re: “Kana ga ke itse go bua sentle. Farao o tla ntheetsa jang?”


Mme ka re: “Ao, Morena Modimo! Kana ga ke itse go bua. Gonne ke sa le mošwa.”


Mowa wa ntsholetsa, wa ntlosa; ka tsamaya ke kgopisegile mo moweng ka botlhoko, ke imelwa ke seatla sa Morena.


A ba a itlhoma gore ba ga gabo ba tla lemoga, fa Modimo o ba naya pholoso ka letsogo la gagwe; mme ba se ka ba lemoga.


Giteone a mo fetola a re: “Ka thapelo, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, ntirele sesupo sa gore ke wena o buang le nna!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan