Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 39:1 - Setswana 1970

1 Le gona ba ne ba dira diaparo tse di logilweng sentle tsa go direla mo Tempelaneng ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi; ba dira diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone jaaka Morena a laetse Moše.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI ga bobururu, le porepura, le sekarelata, ba riha aparo tsa tihelo ka cona, go rihela mo heloñ ga boitsepho, mi ba rihela Arone aparo tse ri itsephileñ: yaka Yehova a la a laola Moshe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Ka bobududu, le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, ba dira diaparo tse di dirilweng ka botswerere, tsa go direla mo felong ga boitshepo, ba direla Arone diaparo tse di itshepileng; jaaka Jehofa a laotse Moše.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 39:1
14 Iomraidhean Croise  

Ditshupo tsa gago di ikanyega gotlhe; Ntlo ya gago, Morena, e tshwanetswe ke boitshepo ka metlha yotlhe.


le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi;


“Tempelana o e dire ka masela a le some, e le a masweu a a ditlhale-pedi le a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi; o logele boKerubime mo go ona jaaka setswerere.


“A ba tsee gouta le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu,


le diaparo tse di rokilweng ka botswerere; le diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone moperesiti; le diaparo tsa bomorwawe tsa boperesiti;


le diaparo tsa maatlametlo tsa go direla Modimo mo Felong-ga-Boitshepo, e bong diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone moperesiti; le diaparo tsa bomorwawe go dira tiro ya boperesiti.”


le botlhe ba ba nang le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi le matlalo a diphelehu a a hubiditsweng le matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba di tlisa.


le ditlhako tsa lelapa tikologong le ditlhako tsa kgoro ya lelapa le dimapo tsotlhe tsa Tempelana le dimapo tsotlhe tsa lelapa mo tikologong.


le diaparo tse di logilweng sentle tsa go direla mo Ntlong e e Boitshepo, e bong diaparo tse di boitshepo tsa ga Arone, moperesiti, le diaparo tsa bomorwawe tsa go direla e le baperesiti.


Fa baperesiti ba sena go tsena mo Tempeleng e e Boitshepo, ga ba a tshwanela go tswela kwa lapeng la ka fa ntle. Diaparo tse ba dirileng tirelo ka tsona a ba di apole teng mo matlwaneng, gonne di boitshepo, ba apare diaparo tse dingwe; morago ga moo ba ka tswela kwa ntle kwa bathong.”


Molao wa Ntlo ke o: A e nne mo godimo ga thaba, mme naga yotlhe ya teng mo tikologong yotlhe e nne boitshepotshepo. Bonang, ke ona molao wa Ntlo.”


Le gona, ga a a tsena ka madi a diphoko le a dinamane, mme o tsenye ka madi a e leng a gagwe gangwe fela mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo, a dira kgololo e e sa khutleng.


Le gona e ne e se gore a itire setlhabelo gantsi, jaaka moperesiti yo mogolo a tsena mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo ka ngwaga le ngwaga ka madi a e seng a gagwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan