Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 33:3 - Setswana 1970

3 gore a go ise kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe. Gonne ga nka ke ka ya le lona, ka lo le morafe wa dithamo tse di gagametseng, e ka re gongwe ka lo fedisa mo tseleng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Kua hatsiñ ye le elañ mashi le linotse: gone ga ’nkitla ki ea mo go lona, gone lo bathu ba thamo e e thata, mi ekare khotsa ka lo nyeletsa mo tseleñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 E bong kwa lefatsheng le le elang maši le dinotshe; gonne ga nketla ke tsamaya ke le mo gare ga gago; gonne o tšhaba e e thamo e thata; nka tla ka go nyeletsa mo tseleng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 33:3
33 Iomraidhean Croise  

Fela ba se ka ba utlwa, mme ba gagamatsa dithamo tsa bone jaaka dithamo tsa borraabo ba ba neng ba sa dumele mo Moreneng, Modimo wa bone.


gore ba se nne jaaka borraabo ba e neng e le losika lo lo tlhogo-e-thata lwa borukhutlhi, losika lo lo tlhokang pelo ya tlhomamo le mowa o o lebileng Modimo ka boikanyo.


Mme e re fa Morena a sena go lo fitlhisa mo lefatsheng la Bakanana le Bahethe le Baamori le Bahewi le Bajebusi le o le ikanetseng borraeno a re, o tla le lo naya, e le lefatshe le le elang mašwi le dinotshe, foo lo tshware tirelo e ka kgwedi e.


Itiseng mo go ene, lo utlwe lentswe la gagwe; se mo ganetseng, gonne o ka gana go itshwarela ditlolo tsa lona; kana nna ka nosi ke iponatsa ka ene.


ka re, ke tla lo ntsha mo pogisegong ya Egepeto, ke lo isa kwa lefatsheng la Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe.’


Mme ke fologile go ba golola mo diatleng tsa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo le go ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le atlhameng kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe, kwa dinageng tsa Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.


Ke fa Morena a busa pelo, a sa bolae morafe wa gagwe jaaka a ne a o bopetse.


Mme Morena a raya Moše a re: “Raya Baiseraele o re: ‘Lona lo morafe wa dithamo tse di gagametseng. Fa nka ya le lona sebakanyana fela, ke ne ke tla lo fedisa. Jaanong rolang mekgabo ya lona. Foo ke tla akanya se nka se lo direlang.’ ”


a re: “Fa ruri ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, Morena, a Morena a ke a ye le rona – gonne ke morafe wa dithamo tse di gagametseng – mme o re itshwarele molato wa rona le boleo jwa rona, o re tshole, re nne ba gago.”


E re ka ke ne ke itse, fa o le peloethata, le thamo ya gago e le mosifa wa tshipi, le phatla ya gago e le kgotlho,


gore ke dirafatse maikano a ke a ikanetseng borraeno a go ba naya lefatshe le le elang mašwi le dinotshe, jaaka lo agile mo go lone kajeno.’ ” Ke fa ke araba ke re: “Amen, Morena!”


Ka ba ikanela ka letsatsi leo go ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto le go ba isa kwa lefatsheng le ke le ba tlhaoletseng, le le elang mašwi le dinotshe, le e leng le lentle go gaisa mafatshe otlhe.


Kana ke lo reile ka re: Lona lo tla ja naga ya bone boswa, ke tla e lo naya go e rua; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. Ke nna Morena Modimo wa lona yo ke lo lomologantseng le merafe eo.


Jaanong ya re Modimo o bona ditiro tsa bona tsa go boa mo ditseleng tse di bosula tsa bone, Modimo wa ithibela mo petsong e o neng o ikaeletse go e ba direla mme wa se ka wa e dirafatsa.


Ya re Jona a simolola go tsena mo motseng, a tsamaya leeto la letsatsi le le lengwe, a tlhaba mokgosi a re: “Ninife o tla ribegediwa, malatsi a 40 a sena go feta!”


Ba feta ba bolela ba re: “Re tswa go fitlha kwa lefatsheng le o re romileng kwa go lone. Ka nnete, le ela mašwi le dinotshe. Maungo a lone ke a.


Ke tla ba bolaya ka leroborobo, ke ba nyeletsa, mme wena ke tla go dira morafe o mogolo, o o thata bogolo go bone.”


Fa Morena a re itumelela, o tla re fitlhisa kwa lefatsheng leo, a le re naya; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.


A ga go a lekana fa o re ntshitse mo lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe go re bolaela mo sekakeng? A o sa ntse o itira kgosi ya rona gape?


“Itomologanyeng le phuthego e, ke tle ke ba fetse ka ponyo ya leitlho.”


“Tlogang mo phuthegong e, ke tle ke e nyeletse ka ponyo ya leitlho.” Mme ba wela fa fatshe ka difatlhego.


“Lona ba lo thamo di thata, ba lo sa rupisiwang mo dipelong le mo ditsebeng, ka metlha lo ganetsa Mowa o o Boitshepo; le lona lo tshwana fela le borraeno.


Gonne Morena, Modimo wa lona, ke molelo o o jang, ke Modimo o o lefufa.


Gonne Baiseraele ba ne ba sepela dinyaga di le 40 mo sekakeng ga tsamaya setšhaba sotlhe sa banna ba batlhabani ba ba hudugileng kwa Egepeto sa nyelediwa, ka ba se ka ba utlwa lentswe la Morena. Ke bone ba Morena o neng a ba ikanela a re, ga a kitla a ba abela lefatshe le Morena o neng a le solofeditse borraabo ka maikano a re: “O tla le re naya, e bong lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.”


Ke ka moo Morena Modimo wa Iseraele o buang a re: ‘Ka nnete ke ne ke rile: Ba lapa la gago le ba lapa la ga rraago ba tla sepela fa pele ga me ka bosakhutleng. Mme jaanong go kgakala le nna! Ke tla tlotla ba ba ntlotlang; mme ba ba nnyatsang ba tla nyatsega.’ Morena a re jalo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan