Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 33:2 - Setswana 1970

2 Ke tla roma moengele gore a go etelele pele; ke tla leleka Bakanana le Baamori le Bahethe le Baferesi le Bahewi le Bajebusi

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi ki tla roma moengeli ha pelo ga gago, mi ki tla leleka Bakanana, le Baamora, le Baheta, le Baperesa, le Baheva, le Bayebusa:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Ke tlaa roma moengele wa me fa pele ga gago; ke tlaa leleka Mokanana, le Moamore, le Mohite, le Moperise, le Mohife, le Mojebuse:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 33:2
16 Iomraidhean Croise  

le Baamori le Bakanana le Bagiregasi le Bajebusi.”


Morena Modimo wa legodimo yo o nntshitseng mo lapeng la ga rre le mo lefatsheng la ba ga etsho, yo o buileng le nna, yo o inkanetseng a re: ‘Ba losika lwa gago ke tla ba naya lefatshe le,’ ene o tla roma moengele wa gagwe gore a go etelele pele gore o batlele morwaake mosadi teng.


le Bajebusi le Baamori le Bagiregasi


“Bona, ke roma moengele gore a lo etelele pele, a tle a lo boloke mo tseleng, a lo fitlhise kwa felong fa ke go baakantseng.


ka re, ke tla lo ntsha mo pogisegong ya Egepeto, ke lo isa kwa lefatsheng la Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe.’


Mme ke fologile go ba golola mo diatleng tsa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo le go ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le atlhameng kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe, kwa dinageng tsa Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.


Tsamaya jaanong o ise morafe o kwa felong fa ke go go boleletseng. Bona, moengele wa me o tla go etelela pele, mme ke tla ba beletsa boleo jwa bone ka letsatsi le ke tla betsang ka lone.”


Jaanong Moše a raya Morena a re: “Bona, o ntaetse wa re: ‘Hudusa morafe o,’ mme ga o a ka wa nkitsise gore o tla roma mang le nna, le fa o buile wa re: ‘Ke go itse ka leina; le gona o bonye bopelotlhomogi mo matlhong a me.’


Fela tshegetsang tse ke di lo laelang kajeno. Bonang, ke tla lo etelela pele, ke leleka Baamori le Bakanana le Bahethe le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.


E tla re fa ke se na go lo etelela pele le go leleka ditšhaba le go atlhamolosa naga ya lona, go se ke go nne ope yo o ka eletsang lefatshe la lona, fa lo ya go bonala fa pele ga Morena Modimo wa lona, gararo ka ngwaga.


Ka letsatsi leo Morena o tla sireletsa baagi ba Jerusalema mo ntlheng tsotlhe; yo o bokoa mo go bone ka letsatsi leo o tla nna thata jaaka Dafita, mme ba ntlo ya ga Dafita ba tla nna jaaka baengele ba ba kwa legodimong le jaaka moengele wa Morena yo o fa pele ga bone.


Morena, Modimo wa gago, o tla leleka ditšhaba tseo fa pele ga gago a iketlile; ga lo ka ke lwa di fedisa ka pele, e se re gongwe dibata tsa naga tsa lo atela.


Mme ya re lo tshela Joretane, lo fitlha kwa Jerigo, beng ba Jerigo ba tlhabana le lona, bone Baamori le Baferesi le Bakanana le Bahethe le Bagiregasi le Bahewi le Bajebusi, mme ka ba neela mo diatleng tsa lona.


Jošua a ba a re: “Se lo tla lemogang ka sona gore Modimo o o phelang o mo gare ga lona le gore ruri o tla leleka Bakanana le Bahethe le Bahewi le Baferesi le Bagiregasi le Baamori le Bajebusi fa pele ga lona,


ka lo namolela mo diatleng tsa Baegepeto le mo diatleng tsa bagateledi botlhe ba lona, ka ba leleka fa pele ga lona, ka lo naya lefatshe la bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan