Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 33:1 - Setswana 1970

1 Jaanong Morena a bua le Moše a re: “Tloga o huduge mono, wena le morafe o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, lo ye kwa lefatsheng le ke le ikanetseng Aborahame le Isaka le Jakobe ka re: ‘Ke tla le naya losika lwa gago.’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI Yehova a raea Moshe, tloga u coe monu, uena le bathu ba u ba entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto, go ea kua hatsiñ ye ki le ka le ikanela Aberahame, le Yitsake, le Yakobe, ka re, Ki tla le naea losika loa lona:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jehofa a bua le Moše a re: “Tloga o tswe fano, wena le batho ba o ba tlhatlositseng kwa lefatsheng la Egepeto, lo ye kwa lefatsheng le ke le ikanetseng Aberahame le Isake le Jakobe ka re: ‘Ke tlaa le naya losika lwa gago:’

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 33:1
18 Iomraidhean Croise  

Ke fa Morena a iponatsa mo go Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya ba losika lwa gago.” Jaanong Aborame a agela Morena yo o iponaditseng mo go ene aletare gona.


Ka letsatsi leo Morena a dira kgolagano le Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya losika lwa gago go simolola kwa nokeng ya Egepeto go fitlha kwa nokeng e kgolo, nokeng ya Ferathe,


Go kile ga tla leuba gape mo lefatsheng leo, jaaka le kile la nna teng mo malatsing a ga Aborahame. Mme Isaka a ya kwa go Abimelege, kgosi ya Bafelesita, kwa Gerara.


Jaka mo lefatsheng le, ke tla nna nao, ke go tshegofatsa; gonne mafatshe aotlhe ao ke tla a naya wena le losika lwa gago. Ke tla dirafatsa maikano a ke a ikanetseng Aborahame rraago.


Jaanong Jakobe a tloga mo Bereseba, a ya kwa Harane;


Josefa a laela bomorwa-rraagwe a re: “Ke a swa; mme Modimo o tla lo babalela, o lo ntsha mo lefatsheng le, o lo isa kwa lefatsheng le o le solofeditseng Aborahame le Isaka le Jakobe.”


Batho ba nyorelwa metsi gona; batho ba ngongoregela Moše ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o re ntshitse kwa Egepeto gore o re bolae le bana ba rona le diruiwa tsa rona ka lenyora?”


E rile batho ba bona Moše a diega go fologa mo thabeng, ba kgobokanela kwa go Arone, ba mo raya ba re: “Nanoga o re direle modimo o o tla re etelelang pele; gonne ga re itse se se dirafaletseng Moše, monna yole yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”


Gopola Aborahame le Isaka le Iseraele, batlhanka ba gago, ba o ba ikanetseng ka wena, wa ba solofetsa wa re: ‘Ke tla ntsifatsa bana ba lona jaaka dinaledi tsa legodimo, ke naya bana ba lona lefatshe lotlhe leo ke buileng ka ga lone gore ba le rue ka bosakhutleng.’ ”


Tsamaya jaanong o ise morafe o kwa felong fa ke go go boleletseng. Bona, moengele wa me o tla go etelela pele, mme ke tla ba beletsa boleo jwa bone ka letsatsi le ke tla betsang ka lone.”


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa o fologe, gonne morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto o sentse.


Kana ke lo reile ka re: Lona lo tla ja naga ya bone boswa, ke tla e lo naya go e rua; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. Ke nna Morena Modimo wa lona yo ke lo lomologantseng le merafe eo.


A ke nna ke imileng morafe otlhe o? Kampo a ke nna ke o tsetseng, fa o nthaya o re, ke ba belege, ke be ke ba amuse jaaka mmelegi a belege lesea, ke ba ise kwa nageng e o e ikanetseng borraabo.


Ke ene yo o ba ntshitseng, a dira dikgakgamatso le ditshupo kwa lefatsheng la Egepeto le kwa Lewatleng le Lehibidu le kwa sekakeng dinyaga di le 40.


Itseng gore ke lo neetse lefatshe leo. Tsenang lo thope lefatshe le Morena o le ikanetseng borraeno Aborahame le Isaka le Jakobe go le ba naya, e bong losika lwa bone sehularong sa bone.’


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan