Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 32:1 - Setswana 1970

1 E rile batho ba bona Moše a diega go fologa mo thabeng, ba kgobokanela kwa go Arone, ba mo raya ba re: “Nanoga o re direle modimo o o tla re etelelang pele; gonne ga re itse se se dirafaletseng Moše, monna yole yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI erile bathu ba bona ha Moshe a riegile go hologa mo thabeñ, bathu ba ikokoanyetsa go Arone, ba mo raea, Tloga, u re rihele morimo, o o tla eañ ha pele ga rona; gone Moshe eo, monona eo o re entsitseñ kua hatsiñ ya Egepeto, ga re itse se se mo rihahaletseñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 E rile batho ba bona fa Moše a diegile go fologa mo thabeng, ba iphuthela kwa go Arone, ba mo raya ba re: “Nanoga o re direle medimo e e tlaa re etelelang pele; gonne ka ga motho yo Moše, motho yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ga re itse kwa o ileng gone.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 32:1
35 Iomraidhean Croise  

Lote a tswa, a ya go bua le bagwe ba gagwe ba ba neng ba tla nyala bomorwadie, a re: “Nanogang lo tswe mo felong fa, gonne Morena o tla senya motse o!” Mme bagwe ba gagwe ba ne ba re, o bolela metlae fela.


Abimelege a araba a re: “Ga ke itse gore ke mang yo o dirileng jalo; le gona ga o a ka wa mpegela; le gona ke simolola go utlwa kajeno.”


Mme a gana, a raya mosadi wa morena wa gagwe a re: “Bona, mongwake ga a tshwenyege ka sepe sa tse di mo ntlong, o ikantse nna; tsotlhe tse o nang natso o di neetse mo tisong ya me.


Josefa a ba botsa a re: “Ke tiro e e ntseng jang e lo e dirileng? A ga lo itse gore monna yo o tshwanang le nna o itse dilo ka boitseanape?”


Ya re ba sena go tswa mo motseng, ba ise ba nne kgakala, Josefa a laela mookamedi wa lelapa la gagwe a re: “Tsamaya, o latelele banna bale, mme kwa o tla ba tshwarang teng, o ba ree o re: ‘Ke ka ntlha ya eng, fa lo leboga molemo ka bosula? Lo utswa senwelo sa me sa selefera?


Ba ne ba dira namane kwa Horebe, ba obamela setshwantsho se se bopilweng.


Morena o ne a ba etelela pele ka pinagare ya leru motshegare go ba goga mo tseleng le ka pinagare ya molelo bosigo go ba bonegela gore ba itse go tswelela pele bosigo le motshegare.


ba raya Moše ba re: “A go ne go se na mabitla kwa Egepeto, fa o re huduseditse go tla go swela mo sekakeng? O ne o re ntshetsang kwa Egepeto?


Baiseraele ba ba raya ba re: “Ao! Bogolo re ka bo re swetse kwa lefatsheng la Egepeto ka seatla sa Morena metlheng ele fa re sa ntse re le fa dipitseng tsa dinama, re ja bogobe, re kgora. Jaanong lo re tsisitse kwano mo sekakeng se gore lo bolae morafe otlhe o ka tlala.”


Lo se ka lwa kaya sepe jaaka nna; lo se ka lwa itirela medimo ya selefera gongwe ya gouta.


Morena a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano go nna mo thabeng, o nne teng. Ke tla go naya matlapa a maboti le molao le ditaolo tse ke di kwadileng go di ba ruta.”


Moše a tsena mo teng ga leru, a tlhatlogela kwa thabeng. Moše a nna mo thabeng malatsi a le 40 le masigo a ona.


Mme Moše a kopa bopelotlhomogi mo Moreneng, Modimo wa gagwe, a re: “Morena, morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto ka thata e kgolo le ka letsogo le le tiileng, bogale jwa gago bo tla o tukelelang?


Arone a re: “A mong wa me a se tuke bogale! O itse morafe o ka wesi, fa o le bosula.


Ba ntheile ba re: ‘Re direle modimo o o ka re etelelang pele; gonne ga re itse se se dirafaletseng Moše, monna yole yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Yaa o fologe, gonne morafe wa gago o ò o ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto o sentse.


gore a go ise kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe. Gonne ga nka ke ka ya le lona, ka lo le morafe wa dithamo tse di gagametseng, e ka re gongwe ka lo fedisa mo tseleng.”


Mme ba nkganetsa, ba gana go nkutlwa; go ne go se na ope yo o latlhang maila a a kgatlhang matlho a gagwe, le e seng go tlogela medimo e e maila ya Baegepeto. Ka ba ka re: Ke tla goromeletsa kgakalo ya me mo go bone, ke dirafatsa bogale jwa me mo go bone mo lefatsheng la Egepeto.


Jakobe ene o kile a tshabela kwa nageng ya Siria, Iseraele a dira ka ntlha ya mosadi, a disa gore a bone mosadi.


Kana ke go ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto, ka go rekolola mo ntlong ya botlhanka; ka roma Moše le Arone le Miriame gore ba go etelele pele!


Ruri, banna botlhe ba ba bonyeng kgalalelo ya me le ditshupo tsa me tse ke di dirileng kwa Egepeto le mo sekakeng, mme ba ntekile gasome, ba gana go utlwa lentswe la me,


Kana lo a itse gore fa mong wa ntlo a ka bo a itsile nako ya bosigo e legodu le tla tlang ka yona, o ka bo a disitse, a sa leseletsa ntlo ya gagwe go phunngwa.


Mme fa motlhanka yo o bosula a ka ithaya a re: ‘Morena wa me o diegile,’


Jaanong he, e re ka re le losika lwa Modimo, ga re a tshwanela go itlhoma gore Modimo o ka tshwana le sebopiwa sa gouta gongwe sa selefera gongwe sa lentswe sa botswerere le kakanyo ya motho.


mme lo a bona, e bile lo utlwa gore Paulo yo, o kgonne batho ba bantsi, e bile o ba fapositse, e seng mo Efeso fela, mme e batlile e nna le mo Asia yotlhe ka go bua a re: Medimo e e dirwang ka diatla ga se medimo.


ba raya Arone ba re: ‘Re direle medimo e e tla re etelelang pele; gonne Moše yole, yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ga re itse se se mo dirafaletseng.’


Morena ke ene yo o tla go etelelang pele, o tla nna nao. Ga a kitla a go hularela le e seng go go tlogela. O se ka wa boifa le e seng go tshoga.”


“Utlwa, Iseraele, o tla tshela Joretane gompieno go ya go fenya ditšhaba tse dikgolo tse di thata bogolo go wena le metse e megolo e e femetsweng go fitlha kwa legodimong


E ne e le jale fa ke tlhatlogetse kwa thabeng go amogela matlapa a maboti, e bong matlapa a kgolagano e Morena a e dirileng le lona, ka nna kwa thabeng malatsi a le 40 le masigo a le 40, ke sa je, ke sa nwe.


Tsoga o itshepise morafe, o o ree o re: ‘Ipaakanyetseng kamoso lo nne boitshepo, gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Go na le tse di hutsitsweng mo gare ga lona, Baiseraele; lo tla palelwa ke go ema fa pele ga baba ba lona go fitlhelela lo be lo tlose tse di hutsitsweng mo go lona.


ba re: “E kae, polelelopele ya go tla ga gagwe? Kana e sa le borara ba robala, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse fela jaaka mo tshimologong ya tlholego.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan