Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 3:9 - Setswana 1970

9 Jaanong, bona, selelo sa Baiseraele se fitlhile mo go nna. Le gona ke bonye kgatelelo e Baegepeto ba ba gateletseng ka yona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

9 Mi yana, bona, khoo ea bana ba Yeserele e tlile go na: mi le gona, ki bonye patiko e Baegepeto ba ba patikañ ka eona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

9 Thomeletso ya bana ba Iseraele e fitlhile mo go nna; gape ke bile ke bonye patiko e Baegepeto ba ba patikang ka yone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 3:9
22 Iomraidhean Croise  

Le gona moengele wa Morena a mo raya a re: “Bona, o moimana, o tla belega ngwana wa mosimane, o mo tee leina la Isemaele; gonne Morena o utlwile pogisego ya gago.


A ba a re: ‘A ko o tlhatlose matlho, o bone diphelehu le diphoko tsotlhe tse di gwelang difutshane, ke tse di nang le bogwana le bongolwana le bogwebana. Gonne ke bonye dilo tsotlhe tse Labane o di go direlang.


Mme Joahase a kopa bopelotlhomogi fa pele ga Morena, mme Morena a mo utlwa. Gonne o ne a bona pitlagano ya Baiseraele, ka kgosi ya Siria e ba pitlaganya.


“Boa o ree Hesekia, moeteledipele wa morafe wa me, o re: ‘Morena, Modimo wa ga Dafita rraago, o bua jaana o a re: Ke utlwile thapelo ya gago, ka bona dikeledi tsa gago. Bona, ke tla go fodisa. O tla tlhatlogela kwa Ntlong ya Morena ka letsatsi la boraro.


“O ne wa bona pogisego ya borraetsho kwa Egepeto, wa utlwa selelo sa bone fa Lewatleng la Motlhaka.


bona ba ba reng: “Re thata ka diteme tsa rona, re na le melomo ya rona; mmusi yo o re laolang ke mang?”


Morena, intshwarele, ela se ke se bogang mo go bona ba ba ntlhoileng tlhoko, wena yo o ntsholetsang mo dikgorong tsa loso,


Ya baa gona ba ba beelang baokamedi ba ba ba pateletsang tirong, e le go ba bogisa ka ditiro tse di bokete tsa bone. Ba agela Farao metse ya difala tse di bolokang dijo, e bong Phitome le Ramasese.


Ke fa Farao a laela morafe otlhe wa gagwe a re: “Basimane botlhe ba Bahebere ba ba tla tsalwang lo ba latlheleng mo nokeng ya Nile, mme basetsana botlhe lo ba lese ba phele!”


Mme ga busa kgosi e ntšhwa kwa Egepeto e e sa itseng sepe ka ga Josefa.


Jaanong ya re sebaka se seleele se sena go feta, kgosi ya Egepeto ya swa, mme Baiseraele ba fegelwa ka ntlha ya botlhanka, ba lelela thuso; mme selelo sa bone sa tlhatlogela kwa Modimong se tswa mo botlhankeng jwa bone.


Modimo wa bona Baiseraele, wa ba itshenolela.


Morena a re: “Ruri, ke bonye pogisego ya morafe wa me o o mo Egepeto, ke ba utlwile ba ledisiwa ke bagobagobetsi ba bone; tota ke itse botlhoko jwa bone.


Ka boa ka bona dikgatelelo tsotlhe tse di dirwang fa tlase ga letsatsi; ka bona dikeledi tsa ba ba gateletsweng, mme ba se na mogomotsi. Bagateledi ba bone ba ne ba le thata, mme bone ba se na yo o ka ba gomotsang.


Fa o bona mohumanegi a gatelelwa, mme tshiamo le molao di tlosiwa mo nageng, se gakgamale. Gonne morena yo mogolo o disa yo mmotlana, mme Modimo o mogolo bogolo, o ba okametse botlhe.


Utlwang lefoko le, lona dikgomo tse dinamagadi tsa Basane tse di mo thabeng ya Samaria; lona ba lo gatelelang batlhoki, ba lo pitlaganyang bahumanegi, ba lo rayang beng ba lona lo re: “Tlisang re nwe!”


Ke fa ra goela Moreneng, Modimo wa borraarona, mme Morena a utlwa selelo sa rona, a bona pogisego ya rona le tapisego ya rona le pitlaganyo ya rona.


“Kamoso ka nako e ke tla tsisa monna kwa go wena, a tswa kwa nageng ya Benyamene, o mo tlotse go nna moeteledipele wa Baiseraele, morafe wa me, gore a o pholose mo diatleng tsa Bafelesita; gonne ke bonye pogisego ya morafe wa me le selelo sa ona se fitlhile kwano go nna.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan