Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 3:8 - Setswana 1970

8 Mme ke fologile go ba golola mo diatleng tsa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo le go ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le atlhameng kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe, kwa dinageng tsa Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

8 Mi ki hologetse go ba golola mo atleñ tsa Baegepeto, le go ba entsa mo hatsiñ yenu, go ba isa mo hatsiñ ye le molemo le boatlamo; kua hatsiñ ye le elañ mashi le linotse; kua heloñ ga Bakanana, le ga Baheta, le ga Baamora, le ga Baperesa, le ga Baheva, le ga Bayebusa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

8 mme ke fologetse go ba golola mo seatleng sa Baegepeto, le go ba tlhatlosa mo lefatsheng leo, go ba isa kwa lefatsheng le le molemo, le le atlhameng, kwa lefatsheng le le elang maši le dinotshe; kwa felong ga Bakanana, le Bahite, le Baamore, le Baperise, le Bahife, le Bajebuse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 3:8
54 Iomraidhean Croise  

Ke fa Morena a fologa gore a bone motse oo le kago e e godimo eo, tse batho ba di agang.


Tlayang a re fologeleng teng, re tlhakatlhakanye puo ya bone gore ba se ka ba utlwana ka puo.”


Ke fa Morena a raya Aborame a re: “O tshwanetse go itse gore losika lwa gago e tla nna baeng mo lefatsheng le e seng la bone. Ba tla nna batlhanka teng, ba gatelelwa dinyaga di le 400.


Mme le setšhaba seo se ba tla nnang batlhanka ba sona ke tla se otla; morago ga moo ba tla huduga ka dithoto tse dikgolo.


Ke rata go fologa, ka bona gore a ba dirile gotlhe ka fa selelong se se tlileng kwa go nna ka ga bone gongwe nnyaya; ke rata go itse.”


Ke fa Iseraele rraabo a re: “Fa go ntse jalo he, dirang jaana: Tsayang maungo a a tlhophilweng a lefatshe le ka dikgetse tsa lona, lo ele monna yole dineo, e bong melemonyana le mafuranyana a dinotshe le boroku jo bo tlodiwang baswi le ditlolo tse di nkgang monate le dikgeru tsa mefuta.


Nna ka nosi ke tla ya nao kwa Egepeto; le gona ke nna ke tla go ntshang teng gape. Mme Josefa o tla budulatsa matlho a gago.”


Josefa a laela bomorwa-rraagwe a re: “Ke a swa; mme Modimo o tla lo babalela, o lo ntsha mo lefatsheng le, o lo isa kwa lefatsheng le o le solofeditseng Aborahame le Isaka le Jakobe.”


le Bahewi le Baareki le Basini


wa fitlhela pelo ya gagwe e ikanyega fa pele ga gago, wa dira kgolagano nae go mo naya lefatshe la Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bajebusi le Bagiregasi go le naya ba losika la gagwe. Mme o dirafaditse mafoko a gago; gonne o mosiami.


bona ba ba reng: “Re thata ka diteme tsa rona, re na le melomo ya rona; mmusi yo o re laolang ke mang?”


Mme Morena a re: “Jaanong ke tla tsogela pogiso ya batlalelwi le phegelo ya batlhoki, ke thusa ene yo o lelelang thuso.”


Moengele wa Morena o thibelela tikologong ya bona ba ba mmoifang, a ba golola.


E tla re a mpitsa, ke mo utlwe, ke nne nae mo tlalelong; ke tla mo namola, ke mo tlotla.


Ya re dinyaga tseo tse di 430 di sena go feta, mephato yotlhe ya Morena ya tswa mo lefatsheng la Egepeto ka lone letsatsi leo.


Morena o ne a ntsha Baiseraele jalo mo lefatsheng la Egepeto ka thulaganyo ya mephato ya bone ka lone letsatsi leo.


Mme e re fa Morena a sena go lo fitlhisa mo lefatsheng la Bakanana le Bahethe le Baamori le Bahewi le Bajebusi le o le ikanetseng borraeno a re, o tla le lo naya, e le lefatshe le le elang mašwi le dinotshe, foo lo tshware tirelo e ka kgwedi e.


ka re, ke tla lo ntsha mo pogisegong ya Egepeto, ke lo isa kwa lefatsheng la Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe.’


Fela tshegetsang tse ke di lo laelang kajeno. Bonang, ke tla lo etelela pele, ke leleka Baamori le Bakanana le Bahethe le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.


Fa e sa le ke tsena kwa go Farao go bua ka leina la gago, a simolola go direla morafe o bosula. Le gona ga o ise o golole morafe wa gago gope.”


go ya go fitlhela ke tle ke lo tseele kwa lefatsheng le le tshwanang le la lona, kwa lefatsheng la mabele le matute a moweine, kwa lefatsheng la bogobe le masimo a moweine.


Ao! O ka bo o phantsha legodimo, o fologa gore dithaba di reketle fa pele ga gago!


gore ke dirafatse maikano a ke a ikanetseng borraeno a go ba naya lefatshe le le elang mašwi le dinotshe, jaaka lo agile mo go lone kajeno.’ ” Ke fa ke araba ke re: “Amen, Morena!”


Ke lo tlisitse mo lefatsheng la masimo a ditlhare tse di ungwang gore lo je maungo a lone le dijo tse di molemo tsa lone. Mme e rile lo sena go tsena, lwa itshepolola lefatshe la me, lwa fetola boswa jwa me maila.


O ba neile lefatshe leno le o le ikanetseng borraabo go le ba naya; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.


Ka ba ikanela ka letsatsi leo go ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto le go ba isa kwa lefatsheng le ke le ba tlhaoletseng, le le elang mašwi le dinotshe, le e leng le lentle go gaisa mafatshe otlhe.


Kana ke lo reile ka re: Lona lo tla ja naga ya bone boswa, ke tla e lo naya go e rua; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. Ke nna Morena Modimo wa lona yo ke lo lomologantseng le merafe eo.


Gape ke nna ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ka lo etelela pele mo sekakeng dinyaga di le 40 gore lo ye go rua lefatshe la Baamori.


lo bone lefatshe gore le ntse jang, le batho ba ba agileng mo go lone gore a ba thata gongwe ba bokoa, a ke ba se kae fela kampo ba bantsi;


le ka fa lefatshe le ntseng ka teng, le ba agileng mo go lone gore a le siame gongwe ga le a siama, le gore metse e ntse jang e ba nnang mo go yona, a ke metlaagana fela gongwe metse e e femetsweng;


Ba feta ba bolela ba re: “Re tswa go fitlha kwa lefatsheng le o re romileng kwa go lone. Ka nnete, le ela mašwi le dinotshe. Maungo a lone ke a.


Ga go ope yo o kileng a tlhatlogela kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa-Motho yo o mo legodimong.


Gonne ke fologile kwa legodimong, e seng go dira thato ya me, fa e se go dira thato ya yo o nthomileng.


Ba be ba tsaya maungo mangwe a lefatshe, ba re tlela nao, ba re bolelela ba re: ‘Lefatshe le siame le Morena, Modimo wa lona, o tla le re nayang!’


Thelelang lo bolole lo ye kwa dithabeng tsa Baamori le kwa go botlhe ba ba bapileng nabo mo lebaleng la Joretane le mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase le mo nageng ya borwa le fa losing lwa lewatle kwa lefatsheng la Bakanana le kwa Lebanone go fitlha kwa nokeng e kgolo ya Ferathe.


lo kwale mafoko otlhe a molao oo mo go ona, lo sena go tshela gore lo tle lo tsene kwa lefatsheng le Morena, Modimo wa lona, o tla le lo nayang, lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe, jaaka Morena, Modimo wa borraeno, a lo solofeditse.


Morena o tla go naya letlotlo la tse di molemo ka leungo la mmele wa gago le ka leungo la diruiwa tsa gago le ka leungo la masimo a gago mo lefatsheng le Morena a ikanetseng borraeno go le go naya.


Di utlwe, Iseraele, o tlhokomele go dira ka tsona gore o phele pila le gore lo ate thata, jaaka Morena, Modimo wa borraeno, a go solofeditse lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.


“E re fa Morena, Modimo wa gago, a go fitlhisa kwa lefatsheng le o tla yang kwa go lone go le rua, mogang a lelekang ditšhaba tse dikgolo fa pele ga gago, e bong Bahethe le Bagiregasi le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, ditšhaba tse dikgolo di supa tse di thata bogolo go wena,


Gonne Baiseraele ba ne ba sepela dinyaga di le 40 mo sekakeng ga tsamaya setšhaba sotlhe sa banna ba batlhabani ba ba hudugileng kwa Egepeto sa nyelediwa, ka ba se ka ba utlwa lentswe la Morena. Ke bone ba Morena o neng a ba ikanela a re, ga a kitla a ba abela lefatshe le Morena o neng a le solofeditse borraabo ka maikano a re: “O tla le re naya, e bong lefatshe le le elang mašwi le dinotshe.”


Dikgosi tsotlhe tse di neng di le mo ntlheng ya bophirimatsatsi ya Joretane mo dithabeng le mo nageng e e kwa tlase le ka fa losing lotlhe lwa lewatle le legolo go ya go fitlha kwa Lebanone, e bong tsa Bahethe le Baamori le Bakanana le Baferesi le Bahewi le Bajebusi di ne tsa utlwa dilo tseo.


Mme banna ba Iseraele ba raya Bahewi bao ba re: “Ka gongwe lo ntse lo agile mo gare ga rona. Re ka dira jang kgolagano le lona?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan