Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 3:5 - Setswana 1970

5 Wa re: “Se atamele kwano, rola ditlhako tsa gago; gonne felo fa o emeng teng foo ke felo fa go boitshepo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Mi oa re; Si atamele kuanu: rola tlaku tsa gago mo naoñ tsa gago; gone helo hoñ u emeñ gona, ki ombu o o boitsepho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Wa re: “O se ka wa atamela kwano; rola ditlhako tsa gago mo dinaong tsa gago gonne felo foo fa o emeng gone ke mmu o o boitshepo.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 3:5
12 Iomraidhean Croise  

Le gona beela morafe molelwane mo tikologong ya thaba, o ba ree o re: ‘Itiseng gore lo se palame mo thabeng, le e seng go e ama kwa tlase. Mongwe le mongwe yo o amang thaba e o tshwanetse go bolawa.


Morena a raya Moše a re: “Fologa o laele morafe, e se re gongwe ba sutlhela kwa Moreneng go leba, ba tloga ba swa ka bontsi.


Ke fa Moše a begela Arone mafoko otlhe a Morena o mo romileng ka ona le ditshupo tsotlhe tse o di mo laoletseng.


Disa dinao tsa gago, fa o ya kwa Ntlong ya Modimo! Kana go atamela go reetsa go phala ditlhabelo tsa masilo. Gonne ga a itse sepe fa e se go dira bosula fela.


Kgosi ya bone e tla nna ya ga bone. Mmusi wa bone o tla tswa mo gare ga bone. Ke tla mo atametsa gore a nne gaufi le nna. Gonne ke mang yo o ka betang pelo, a nkatamela?’ go botsa Morena.


Jaanong Moše a raya Arone a re: “Ke sona se Morena o se buileng a re: ‘Ke tla itshupa ke le boitshepo mo go ba ba nkatamelang; ke tla ikgalaletsa fa pele ga morafe otlhe!’ ” Mme Arone a didimala.


Morena a mo raya a re: ‘Rola ditlhako mo dinaong tsa gago; gonne felo fa o emeng teng foo ke lefatshe le le itshepileng.


Gonne Morena, Modimo wa gago, o ntse a sepela mo bothibelelong jwa gago gore a go namolele, a neele baba ba gago mo diatleng tsa gago; ke ka moo bothibelelo jwa gago bo tshwanetseng go nna phepa, e se re gongwe a bona tse di maswe mo go wena, a ba a go hularela.


Gonne ba ne ba retelelwa ke go itshokela se se laotsweng se se reng: “Tota le setshedi, fa se ka ama thaba eo, se be se na le go kgobotlediwa ka majwe gongwe go hulwa ka metswi.”


Molaodi wa mephato ya Morena a raya Jošua a re: “Rola ditlhako tsa gago mo dinaong tsa gago; gonne felo fa o emeng teng go boitshepo.” Jošua a dira jalo.


Lentswe leo re le utlwile le tswa legodimong, re na nae mo thabeng e e boitshepo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan