Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 3:4 - Setswana 1970

4 Mme ya re Morena a mmona a atamela go sekaseka, Modimo wa mmitsa o le mo setlhareng seo se se mitlwa wa re: “Moše! Moše!” Mme a re: “Ke fano.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi eare Yehova a bona a hapogela go bona, Morimo oa mitsa o le gare ga setlare, mi oa re, Moshe! Moshe! Mi a re, Ki hanu.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 E rile Jehofa a bona fa a fapoga a ya go bona, Modimo wa mo tlhaeletsa o le mo gare ga setlhare wa re: “Moše! Moše!” Ene a re: “Ke fano.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 3:4
18 Iomraidhean Croise  

E rile morago ga ditirafalo tse, Modimo wa leka Aborahame, wa mo raya wa re: “Aborahame!” A araba a re: “Ke fano.”


Ke fa moengele wa Morena a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aborahame! Aborahame!” A araba a re: “Ke fano!”


Jaanong ya re Jakobe a thanya mo borokong jwa gagwe a re: “Ruri, Morena o mo felong fano, mme nna ke ne ke sa itse.”


Mme Modimo wa bua le Iseraele ka pono ya bosigo wa re: “Jakobe, Jakobe!” A araba a re: “Ke fano!”


Lo se ka lwa ikanya patiko; lo se ka lwa solofelela lefela mo thopong. Fa khumo e ata, lo se ka lwa e kgomarela ka dipelo.


Moše a tlhatlogela kwa Modimong, mme Morena a mmitsa a le mo thabeng a re: “Bua jaana le Bajakobe, o ree Baiseraele o re:


Teng moengele wa Morena a iponatsa mo go ene a le mo kgabong ya molelo e e tswang mo setlhareng se se mitlwa. A leba, a fitlhela molelo o tuka mo setlhareng, mme se sa šwe.


Jaanong Moše a raya Morena a re: “Bona, o ntaetse wa re: ‘Hudusa morafe o,’ mme ga o a ka wa nkitsise gore o tla roma mang le nna, le fa o buile wa re: ‘Ke go itse ka leina; le gona o bonye bopelotlhomogi mo matlhong a me.’


“O dire jalo gore ba tle ba dumele, fa Morena Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, o iponaditse mo go wena.”


Morena o ne a bitsa Moše, a bua nae a le mo Tenteng ya Boipontsho a re:


Lentswe la ba la tla go ene la re: “Nanoga, Petoro, tlhaba o je!”


E rile e ka nna nako ya boraro thapama, a bona moengele wa Modimo sentle ka pontsho a tsena go ene, a mo raya a re: “Koronelio!”


Mme a wela fa fatshe, a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saule, Saule, o mpogisetsang?”


le ka dineo tse dintle tsa lefatshe le ka tse di tletseng mo go lone le ka go ratwa ke yo o agileng mo setlhareng sa mitlwa: A di tle tsotlhe mo tlhogong ya ga Josefa le mo phogong ya kgosana ya bomorwa-rraagwe.


Ke fa Morena a tla, a ema, a bitsa jaaka kgantele a re: “Samuele, Samuele!” Samuele a araba a re: “Bua, gonne motlhanka wa gago o reeditse.”


Ke fa Morena a bitsa Samuele. A araba a re: “Ke fano.”


Jaanong Morena a bitsa Samuele gape. Samuele a tsoga, a ya kwa go Eli a re: “Ke fano, ka o ne o mpitsa.” A fetola a re: “Ga ke a go bitsa, morwaaka. Boa o ye go robala.”


Morena a boela a bitsa Samuele la boraro. A tsoga, a ya kwa go Eli a re: “Ke fano, ka o ne o mpitsa.” Ke fa Eli a lemoga gore lekau le bidiwa ke Morena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan