Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 3:21 - Setswana 1970

21 “Le gona ke tla naya morafe o go bona bopelotlhomogi mo matlhong a Baegepeto: E tla re fa lo huduga, lo se ke lo huduge lo iphotlhere fela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

21 Mi ki tla nela bathu ba tsalano mo maitloñ a Baegepeto: mi go tla rihala mogañ lo coañ, ga lo kitla lo coa lo iphotlere.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

21 “Tšhaba e, ke tlaa e naya go bona letlhogonolo mo matlhong a Baegepeto. Go tlaa diragala gore e tlaa re lo tsamaya lo bo lo sa tsamaye lo iphotlhere fela;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 3:21
13 Iomraidhean Croise  

Mme le setšhaba seo se ba tla nnang batlhanka ba sona ke tla se otla; morago ga moo ba tla huduga ka dithoto tse dikgolo.


Mme Morena o ne a na le Josefa, a mo direla ka bopelotlhomogi, a dira gore a kgatlhe mookamedi wa ntlo ya kgolegelo.


o itshwarele morafe wa gago tse ba go leofetseng ka tsona le ditlolo tsotlhe tsa bone tse ba ikepileng mo go wena ka tsona, o ba neele go bona boutlwelo-botlhoko mo bathoping ba bone gore ba ba utlwele botlhoko.


Ka thapelo, Morena, a ditsebe tsa gago e nne tse di reetsang thapelo ya motlhanka wa gago le dithapelo tsa batlhanka ba gago ba ba ratang go boifa leina la gago. A ko o kgonise motlhanka wa gago gompieno, o mo nee bopelotlhomogi fa pele ga monna yo.” – Kana ke ne ke le mothokedi wa kgosi.


Ke fa a ba hudusa ba tshotse selefera le gouta, go se masalela ape mo ditsong tsa gagwe.


A dira gore ba tlhomogelwe pelo ke botlhe ba ba ba isitseng botshwarong.


A ko o bolele mo ditsebeng tsa morafe gore monna mongwe le mongwe a lope dilo tsa selefera le tsa gouta mo go yo o bapileng nae; le mosadi mongwe le mongwe a di lope jalo mo mosading yo o bapileng nae.”


Mme Morena a naya morafe go bona bopelotlhomogi mo go Baegepeto. Le monna yoo, e bong Moše, a kaiwa mogolo thata ke batlhanka ba ga Farao le morafe otlhe.


Le gona Baiseraele ba ne ba dirile, jaaka Moše a ba laetse: Ba lopile Baegepeto dilo tsa selefera le tsa gouta le diaparo.


Mme Morena a naya batho tsalano mo Baegepetong, ba newa se ba se kopang. Ba thukhutha Baegepeto jalo.


Fa ditsela tsa monna di kgatlha Morena, le baba ba gagwe o tla ba agisanya nae.


wa mo golola mo dipitlaganong tsotlhe tsa gagwe, wa mo naya botlhale fa pele ga Farao, kgosi ya Egepeto, le bopelontle jwa gagwe, a mo dira molaodi wa Egepeto le wa ntlo yotlhe ya gagwe.


Mme e re o mo golola, mme a go tlogela, o se ka wa mo naya tsela a iphotlhere fela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan