Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 3:2 - Setswana 1970

2 Teng moengele wa Morena a iponatsa mo go ene a le mo kgabong ya molelo e e tswang mo setlhareng se se mitlwa. A leba, a fitlhela molelo o tuka mo setlhareng, mme se sa šwe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi moengeli oa ga Yehova a iponatsa go ena a le mo khabuñ ea molelo, gareñ ga setlare: mi a bona, mi bonañ setlare sa bo se tuka molelo, mi setlare sa bo se sa she.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Moengele wa ga Jehofa a bonala kwa go ene a le mo kgabong ya molelo o o tukang mo gare ga setlhare; a leba, mme bona, setlhare sa bo se tuka molelo, mme sa bo se sa še.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 3:2
29 Iomraidhean Croise  

Modimo wa utlwa lentswe la mosimane. Moengele wa Modimo a bitsa Hagare a le kwa legodimong, a mo raya a re: “Molato ke eng, Hagare? Se boife, gonne Modimo o utlwile lentswe la mosimane fa a leng teng.


Ke fa moengele wa Morena a mmitsa a le kwa legodimong a re: “Aborahame! Aborahame!” A araba a re: “Ke fano!”


moengele yo o nkgolotseng mo masuleng otlhe, a a tshegofatse basimane ba! A leina la me le maina a borre, e bong Aborahame le Isaka, a tume ka bone; a ba ate, ba nne bantsi thata mo lefatsheng.”


Wa lesa bapalami ba re gata ditlhogo; ra tsena mo molelong le mo metsing; mme o re ntsheditse kwa go leng letlotlo.


Thaba yotlhe ya Sinai ya kua musi ka gore Morena o ne a fologela mo go yona a le mo molelong; musi wa yona wa tlhatloga jaaka musi wa leiso. Mme thaba yotlhe ya roroma thata.


“Bona, ke roma moengele gore a lo etelele pele, a tle a lo boloke mo tseleng, a lo fitlhise kwa felong fa ke go baakantseng.


Kgalalelo ya Morena e Baiseraele ba e bonyeng e ne e tshwana le molelo o o tukang mo setlhoeng sa thaba.


Yaa he, o phuthe bagolo ba Baiseraele, o ba ree o re: ‘Morena Modimo wa borraeno o iponaditse mo go nna; Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe wa re: Ruri, ke lo etse tlhoko le tse lo di diretsweng mo Egepeto,


Fa o tshela metsi, ke na nao; le dinoka, ga di na go go tsaya. Fa o ralala molelo, ga o nke o šwa; kgabo ga e nke e go fisa.


mo ditlalelong tsotlhe tsa bone; a ba thusa, e seng morongwi le e seng moengele, nnyaya, ene ka esi a ba golola ka lorato lwa gagwe le ka thekegelo ya gagwe; a ba tsholetsa, a ba belega ka malatsi otlhe a bogologolo.


Jaanong ga phuthega babusi ba dinaga le dikgosana le balaodi ba mephato le ditona tsa kgosi, ba bona mo banneng bao, fa molelo o ne o se na thata epe mo mebeleng ya bone, le meriri ya ditlhogo tsa bone e sa kakoga le diaparo tsa bone di sa šwa, le e seng monko wa molelo go utlwala mo go bone.


“Tšhaka, tsogela modisa wa me, le monna yo o nang le nna,” go bua Morena wa masomosomo; “itaya modisa gore dinku di phatlalale; mme ke tla busetsa letsogo la me kwa go tse dipotlana.”


“Bonang, ke tla roma morongwi wa me gore a baakanye tsela fa pele ga me. Mme Morena yo lo mmatlang o tla tla kwa Tempeleng ya gagwe ka tshoganyetso, e bong moengele wa kgolagano yo o lo kgatlhang. Bonang, o e tla,” go bua Morena wa masomosomo.


Mme fa e le baswi gore ba tla tsosiwa, a ga lo a buisa mo Lokwalong lwa ga Moše ka fa Modimo o buileng nae ka teng fa setlhareng sa mitlwa wa re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe’?


Mme fa e le gore baswi ba a tsosiwa, Moše le ene o supile jalo fa setlhareng sa mitlwa, fa a bitsa ‘Morena Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe.’


Lefoko leo la nna nama, la aga mo go rona, ra ba ra bona kgalalelo ya lone, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.


Gonne se se reteletseng molao, ka o se na thata ka ntlha ya nama, Modimo o se dirile, wa atlhola boleo mo nameng ka go roma Morwaa-ona mo tshwanong ya nama ya boleo le ka ntlha ya boleo,


le ka dineo tse dintle tsa lefatshe le ka tse di tletseng mo go lone le ka go ratwa ke yo o agileng mo setlhareng sa mitlwa: A di tle tsotlhe mo tlhogong ya ga Josefa le mo phogong ya kgosana ya bomorwa-rraagwe.


Mme lona Morena o lo tsere, a lo ntsha mo leisong le le gakolosang tshipi, e bong kwa Egepeto gore lo nne morafe wa gagwe wa boswa jaaka go ntse gompieno.


mme lona ba lo pitlaganngwang o lo lapolose mmogo le rona mo ponatshegong ya Morena Jesu, mogang a tswang kwa legodimong, a na le baengele ba thata ya gagwe,


Moengele wa Morena a araba Manoa a re: “A mosadi a itise mo go tsotlhe tse ke di mmoleletseng.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan