Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 3:16 - Setswana 1970

16 Yaa he, o phuthe bagolo ba Baiseraele, o ba ree o re: ‘Morena Modimo wa borraeno o iponaditse mo go nna; Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe wa re: Ruri, ke lo etse tlhoko le tse lo di diretsweng mo Egepeto,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

16 U ee, u phuthe bagolu ba Boyeserela mogo, mi u ba ree, Yehova Morimo oa bo‐rra eno o impontsitse, eboñ Morimo oa ga Aberahame, le oa ga Yitsake, le oa ga Yakobe, oa re, Ki lo lekoletse rure, mi Ki bonye tse li lo rihalelañ mo Egepeto:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

16 Ya o phuthe bagolwane ba Iseraele mmogo o ba reye o re: ‘Jehofa Modimo wa borraeno, Modimo wa ga Aberahame, wa ga Isake, le wa ga Jakobe, o mponaletse wa re: “Ruri ke lo lekotse, ke bile ke bonye se lo se dirwang mo Egepeto;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 3:16
31 Iomraidhean Croise  

Modimo wa dira loapi go kgaoganya metsi a a kwa tlase ga loapi le metsi a a kwa godimo ga loapi.


Morena o ne a tshegofatsa Sara jaaka a buile; Morena a direla Sara, ka fa a mo solofeditseng ka teng.


A bona Morena a eme mo godimo ga sona a re: “Ke nna Morena, Modimo wa ga Aborahame rraago le Isaka. Lefatshe le o robetseng mo go lone ke tla le naya wena le losika lwa gago.


A tshegofatsa Josefa a re: “Modimo o borre Aborahame le Isaka ba sepetseng fa pele ga ona; Modimo o e neng e le Modisa wa me mo bophelong jotlhe jwa me go fitlhelela letsatsing leno;


Josefa a laela bomorwa-rraagwe a re: “Ke a swa; mme Modimo o tla lo babalela, o lo ntsha mo lefatsheng le, o lo isa kwa lefatsheng le o le solofeditseng Aborahame le Isaka le Jakobe.”


gore a utlwe diphegelo tsa bagolegwi, le gore a golole ba ba atlholetsweng loso


Bonang, leitlho la Morena le lebile bona ba ba mmoifang, bona ba ba lebeletseng bopelontle jwa gagwe,


Fa ke lebile magodimo a gago, tiro ya menwana ya gago le ngwedi le dinaledi tse o di tlhomileng –


Mme ga busa kgosi e ntšhwa kwa Egepeto e e sa itseng sepe ka ga Josefa.


Moše a huduga a rwele marapo a ga Josefa, gonne ene o ne a ikanisitse Baiseraele thata a re: “E re bofelong fa Modimo o lo ela tlhoko, lo tloge mono lo tshotse marapo a me.”


E rile merafe e utlwela jalo, ya roroma; metlotsedi ya tshwara baagi ba Felesita.


Morena a raya Moše a re: “Fetela kwa pele ga morafe, o ye le bangwe ba bagolo ba Baiseraele, o tshotse thobane ya gago e o ne wa itaya noka ka yona, o sepele.


Morago ga moo Jetoro, mogwagwadia Moše, a ntshetsa Modimo setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tsa tebogo; ga tla Arone le bagolo botlhe ba Baiseraele go ja dijo le mogwagwadia Moše fa pele ga Modimo.


Modimo wa bona Baiseraele, wa ba itshenolela.


Mme wa se ka wa tsholeletsa batlotlegi ba Baiseraele letsogo; ya re ba sena go bona Modimo, ba ja, ba nwa.


Teng moengele wa Morena a iponatsa mo go ene a le mo kgabong ya molelo e e tswang mo setlhareng se se mitlwa. A leba, a fitlhela molelo o tuka mo setlhareng, mme se sa šwe.


Wa ba wa re: “Ke nna Modimo wa ga rraago, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isaka, Modimo wa ga Jakobe.” Ke fa Moše a ipipa sefatlhego, ka a boifa go leba Modimo.


Moše a fetola a re: “Fa ba sa ntumele, ba sa utlwe lentswe la me, ba re: ‘Morena ga a ka a iponatsa mo go wena, ke tla dirang’?”


Moše le Arone ba ya ba phutha bagolo botlhe ba Baiseraele.


Morafe wa dumela. Ya re ba sena go utlwa gore Morena o etse Baiseraele tlhoko, o bonye pogisego ya bone, ba inama, ba obamela Modimo.


“O dire jalo gore ba tle ba dumele, fa Morena Modimo wa borraabo, Modimo wa ga Aborahame le Isaka le Jakobe, o iponaditse mo go wena.”


Jaanong baperesiti ba bagolo le bagolo ba morafe ba phuthegela kwa lapeng la moperesiti yo mogolo yo o bidiwang Kaifase,


“A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele; gonne o lekotse morafe wa ona, wa o direla kgololo.


Ba tla go gatakelela fa fatshe le bana ba gago ba ba mo teng ga gago, mme ga ba nke ba tlogela mo go wena lentswe lepe le tlhatlaganye le le lengwe, ka o se ka wa lemoga nako e Modimo o go etetseng ka yona.”


Ba be ba dira jalo, ba di romela kwa bagolong ka Baranaba le Saule.


Simone o boletse ka fa Modimo o etetseng baheitane ga ntlha ka teng go batlela leina la ona morafe mo go bone.


Ya re a le kwa Mileto, a roma motho kwa Efeso go bitsa bagolo ba phuthego.


mme lo nne le tsamao e e siameng mo go baheitane gore se ba lo sebang ka sona ba re, lo badiradibe, ba galaletse Modimo ka letsatsi la tekolo ka ntlha ya sona, fa ba se bona sentle ka ditiro tse di molemo tsa lona.


Jaanong ke kaela bagolo ba phuthego ba ba mo go lona, ke le mogolo-ka-bone le mosupi wa dipogo tsa ga Keresete, ke bile ke tlhakanetse nae kgalalelo e e tla senolwang,


Jaanong a nanoga a na le betsi ba gagwe, a boa kwa nageng ya Moabe; gonne o ne a utlwetse mo nageng ya Moabe ga twe, Morena o babaletse batho ba gagwe, a ba naya dijo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan