Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 3:12 - Setswana 1970

12 Modimo wa re: “Kana ke tla nna nao. Mme sesupo sa gore ke go romile ke se: E tla re o sena go ntsha morafe oo mo Egepeto, lo direle Modimo mo thabeng e.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi oa re, Ki tla na nau rure; mi se se tla na seshupo go uena, ha e le ’na eo ki gu romileñ. Etlare mogañ u sina entsa bathu mo Egepeto, lo tla rihela Morimo ha thabeñ e.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 Wa re: “Ke tlaa nna nao ka mmaanete; se e tlaa nna sesupo mo go wena sa fa ke go romile; e tlaa re o sena go ntsha batho mo Egepeto, lo tlaa direla Modimo mo thabeng e.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 3:12
43 Iomraidhean Croise  

Morago ga dilo tseo Lefoko la Morena la tla kwa go Aborame ka pono la re: “Aborame, se boife! Ke nna thebe ya gago; tuelo ya gago e kgolo thata.”


Mme a re: “Morena Modimo, ke tla itse ka eng, fa ke tla le rua?”


Jaka mo lefatsheng le, ke tla nna nao, ke go tshegofatsa; gonne mafatshe aotlhe ao ke tla a naya wena le losika lwa gago. Ke tla dirafatsa maikano a ke a ikanetseng Aborahame rraago.


Jaanong Morena a raya Jakobe a re: “Boela kwa lefatsheng la borraago le kwa go ba ga eno; ke tla nna nao.”


“Mme se e tla nnang sesupo mo go wena, Hesekia, ke se: Monongwaga go tla jewa se se ijwetseng; isago matshwabudu, mme ka ngwaga wa boraro lo jwale, lo robe, lo leme masimo a moweine, lo je maungo a ona.


Mo metlheng ya pele Phinehase morwa Eleasare e ne e le moeteledipele yo o ba okametseng. – A Morena a nne nae!


Dira sesupo sa molemo mo go nna gore ba ba ntlhoileng ba se bone, ba be ba tlhajwe ke ditlhong, ka wena Morena o nthusitse, o bile o nkgomoditse.


Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tla kwa go Moše a na le mosadi wa ga Moše le bomorwawe; a tla kwa sekakeng kwa Moše a neng a thibeletse teng kwa thabeng ya Modimo.


Moše o ne a ntse a disa letsomane la ga Jetoro mogwagwadiagwe, moperesiti wa Midiane. O kile a disa letsomane, a fetile sekaka, a fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe.


Moše a botsa Modimo a re: “E re ke fitlha kwa Baiseraeleng, ke ba raya ke re: ‘Modimo wa borraeno o nthomile kwa go lona,’ mme ba mpotsa ba re: ‘Leina la ona ke mang?’ – foo ke ba ree ke reng?”


Morena a botsa Moše a re: “A ke ye nao ka nosi, ke go ise kwa boikhutsong?”


Tsamaya he o ye, nna ke tla nna le molomo wa gago, ke go ruta tse o tla di buang.”


Bua nae, o tsenye mafoko mo molomong wa gagwe, mme ke tla nna le molomo wa gago le molomo wa gagwe, ke lo ruta tse lo tla di dirang.


Re lese re ye kwa sekakeng leeto la malatsi a mararo, re direle Morena Modimo wa rona ditlhabelo, jaaka Morena a re laetse.”


“Mme se e tla nnang sesupo mo go wena, Hesekia, ke se: Monongwaga go tla jewa se se ijwetseng; isago matshwabudu, mme ka ngwaga wa boraro lo jwale, lo kotule, lo leme masimo a moweine, lo je maungo a ona.


Se boife, gonne ke na nao! Se tlalelwe, gonne ke Modimo wa gago! Ke a go tiisa, ee, ke a go thusa, ee, ke go tshegeditse ka letsogo la me le le jang le le pholosang.


Fa o tshela metsi, ke na nao; le dinoka, ga di na go go tsaya. Fa o ralala molelo, ga o nke o šwa; kgabo ga e nke e go fisa.


Ka ntlha ya moo Morena ka esi o tla lo naya sesupo: Bonang, lekgarebe le tla nna moimana, le belega ngwana wa mosimane, le mo taya leina la Imanuele .


O se ka wa ba boifa, gonne ke na nao gore ke go pholose,” go bua Morena.


Jaanong Moše a re: “Se lo tla lemogang ka sona, fa Morena a nthomile go dira ditiro tsotlhe tse, mme e se tsa boithatelo jwa me, ke se:


Ga go bonwe tatlhego mo go Jakobe, ga go fitlhelwe tapisego mo go Iseraele. Morena Modimo wa gagwe o na nae; go dudueletsa kgosi go teng mo go ene.


lo ba rute go tlhokomela tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme itseng, nna ke na le lona ka malatsi otlhe go ya bokhutlong jwa lefatshe.”


Mme bone ba tswa, ba rera mo dintlheng tsotlhe, Morena a ntse a dira nabo, a tlhomamisa Lefoko ka ditshupo tse di le latelang.


Letsogo la Morena la nna nabo, mme ba bantsi ba dumela, ba sokologela mo Moreneng.


‘Mme setšhaba se ba tla nnang batlhanka ba sona, nna ke tla se betsa,’ go bua Modimo; ‘morago ga moo ba tla tswa, ba ntirela mo felong fa.’


Jaanong re tla reng ka ga dilo tseo? Fa Modimo o le ntlheng ya rona, ke mang yo o ka emelanang le rona?


Mme Morena a laela Jošua, morwa Nune, a re: “Nna pelokgale, o tie; gonne wena o tla gorosa Baiseraele kwa lefatsheng le ke le ba ikanetseng, mme nna ke tla nna nao.”


A tsamao ya lona e se nne ya go rata madi; itumeleleng tse lo nang natso; gonne o buile ka osi wa re: “Ga nka ke ka go tlhokomologa le e seng go go tlogela ka gope.”


Ga go na ope yo o tla kgonang go emelana nao ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago. Ke tla nna nao jaaka ke ne ke na le Moše. Ga nkitla ke go nyemisa moko le e seng go go tlogela.


Jaanong moengele wa Morena a iponatsa mo go ene, a mo raya a re: “Morena o na nao, wena mogale yo mogolo.”


Mme Morena a mo raya a re: “Ruri ke tla nna nao, mme o tla fenya Bamidiane jaaka e kete ke monna a le mongwe fela.”


Giteone a mo fetola a re: “Ka thapelo, fa ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, ntirele sesupo sa gore ke wena o buang le nna!


Jaanong Moengele wa Morena a tsaya thobane e a e tshotseng, a kgotla dinama le dinkgwe ka ntlha ya yona. Molelo wa bo o tswa mo lefikeng, o ja dinama le dinkgwe, mme Moengele wa Morena a nyelela mo matlhong a gagwe.


o utlwelele se ba se buang teng. Morago ga moo o tla bo o tiile moko go ka fologela teng le go tlhasela mephato eo.” A fologa a na le Phura motlhanka wa gagwe, a fitlha kwa batlhabaning ba ba tlhometseng fa bokhutlong jwa bothibelelo.


Mme fa ba ka re: ‘Tlhatlogelang kwano go rona!’ foo re tla tlhatloga; gonne Morena o tla bo a ba neetse mo diatleng tsa rona. Selo seo e tla nna sesupo mo go rona.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan