Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 3:11 - Setswana 1970

11 Moše a fetola Modimo a re: “Nna ke mang, yo nka yang kwa go Farao go ntsha Baiseraele mo Egepeto?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 ¶ Mi Moshe a raea Morimo, Ana ki mañ eo nka eañ go Faroe, le go entsa bana ba Yeserele mo Egepeto?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Moše a raya Modimo a re: “Ana nna ke mang, fa e bo ne ne ke ka ya kwa go Faro, le go ya go ntsha bana ba Iseraele mo Egepeto?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 3:11
13 Iomraidhean Croise  

Ke fa kgosi Dafita a tsena a nna fa pele ga Morena a re: “Nna ke mang, Morena, Modimo? Lotso lwa me ke eng, mo o bileng o mphitlhisitse fano?


Mme jaanong Morena, Modimo wa me, motlhanka wa gago o mo dirile kgosi mo boemong jwa ga Dafita rre. Mme nna ke lekawana fela. Ga ke ise ke itse go tswa le go tsena.


Ka moo naya motlhanka wa gago pelo e e reetsang gore a itse go atlhola morafe wa gago le go farologanya tse di molemo le tse di bosula. Gonne ke mang yo o ka kgonang go busa morafe wa gago o o kanakana?”


“Kana nna ke mang, morafe wa me ke bomang mo re ka bong re nonofa go ntsha dineo tse di kana ka boitumelo? Kana tsotlhe di tswa mo go wena, mme re go neetse fela tse di tswang mo seatleng sa gago.


Mme Moše a bua fa pele ga Morena a re: “Bona, fa Baiseraele ba sa nkutlwe, Farao ene o tla nkutlwa jang, ke le yo o sa itseng go bua sentle.”


Mme ka re: “Ao, Morena Modimo! Kana ga ke itse go bua. Gonne ke sa le mošwa.”


mo go bangwe ke lonko lwa loso go isa losong, mme mo go ba bangwe ke lonko lwa botshelo go isa botshelong. Mme kana ke mang yo o nonofetseng dilo tse?


Ga se gore rona ka rosi re nonofile go ka akanya sengwe ka borona, mme nonofo ya rona e tswa mo Modimong


Ke fa Giteone a mmotsa a re: “Ao! Morena wa me, ke tla pholosa Baiseraele ka eng? Kana losika lwa me ke lo lobotlana mo go Bamanase; le gona ke yo mmotlana mo baneng ba ga rre.”


Mme Dafita a fetola Saule a re: “Nna ke mang? Lotso lwa me le losika lwa ga rre ke eng mo Iseraeleng mo nka nnang mogwe wa kgosi?”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan