Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 3:1 - Setswana 1970

1 Moše o ne a ntse a disa letsomane la ga Jetoro mogwagwadiagwe, moperesiti wa Midiane. O kile a disa letsomane, a fetile sekaka, a fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI Moshe a bo a hurisa lecomane ya ga Yeteroe mogoagariague, moperiseti oa Midiana: mi a gogela lecomane kua pele ga bogareganaga, mi a hitla thabeñ ea Morimo, eboñ Horeba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Moše a bo a disitse letsomane la ga Jethero mogwagadie, moperesiti wa Midiane; a disetsa letsomane kwa tengteng ga naga, a fitlha kwa thabeng ya Modimo kwa Horebe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 3:1
33 Iomraidhean Croise  

E rile Elia a tloga teng, a fitlhela Elisa morwa Safate, a lema ka dipholo tsa dijoko di le 12 di le fa pele ga gagwe, ene a le fa go tsa joko ya some pedi. Jaanong ya re Elia a feta fa go ene, a latlhela kobo ya gagwe mo go ene.


Ke fa a tsoga, a a ja a a nwa, a tsamaya malatsi a le 40 le masigo a le 40 ka thata ya dijo tseo go ya go fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe.


Ba ne ba dira namane kwa Horebe, ba obamela setshwantsho se se bopilweng.


Bona, ke tla ema fa pele ga gago teng mo Horebe fa lefikeng. E tla re fa o itaya lefika, le tswe metsi gore morafe o nwe.” Moše a dira jalo fa pele ga bagolo ba Baiseraele.


Morago ga moo Jetoro, mogwagwadia Moše, a ntshetsa Modimo setlhabelo se se fisiwang le ditlhabelo tsa tebogo; ga tla Arone le bagolo botlhe ba Baiseraele go ja dijo le mogwagwadia Moše fa pele ga Modimo.


A ba etleetsegele letsatsi la boraro. Gonne ka letsatsi la boraro Morena o tla fologela mo thabeng ya Sinai fa pele ga matlho a morafe otlhe.


Ba ne ba tlogile kwa Rafidime, ba fitlha sekakeng sa Sinai, ba thibelela mo sekakeng. Baiseraele ba thibelela gona go lebagana le thaba.


Moše a tlhatlogela kwa Modimong, mme Morena a mmitsa a le mo thabeng a re: “Bua jaana le Bajakobe, o ree Baiseraele o re:


Mme moperesiti wa Midiane o ne a na le bomorwadie ba supa; bone ba tla, ba ga metsi, ba tlatsa digopo go nosa letsomane la ga rraabo.


E rile ba fitlha kwa go Rehuele rraabo, ene a re: “Ke ka ntlha ya eng, fa lo boile ka pele kajeno?”


Moše a dumela go nna le monna yoo; ene a neela Moše Siphora morwadie go nna mosadi wa gagwe.


Moše a nanoga, a na le Jošua, modiredi wa gagwe; Moše a tlhatlogela kwa thabeng ya Modimo,


Modimo wa re: “Kana ke tla nna nao. Mme sesupo sa gore ke go romile ke se: E tla re o sena go ntsha morafe oo mo Egepeto, lo direle Modimo mo thabeng e.”


Wa re: “Se atamele kwano, rola ditlhako tsa gago; gonne felo fa o emeng teng foo ke felo fa go boitshepo.”


Ke fa Baiseraele ba rola mekgabo ya bone go tloga kwa thabeng ya Horebe.


Moše a tsamaya, a boela kwa go Jetoro mogwagwadiagwe, a mo raya a re: “A ko o ntetlelele gore ke boele kwa go ba ga etsho ba ba nnang kwa Egepeto, ke ye go bona gore a ba sa ntse ba phela.” Jetoro a raya Moše a re: “Yaa ka kagiso!”


Mme Morena o ne a laetse Arone a re: “Yaa o kgatlhantshe Moše kwa sekakeng.” A ya a kgatlhana nae kwa thabeng ya Modimo, a mo atla.


Mafoko a ga Amose yo e neng e le mongwe wa barui ba dinku kwa Thekoa, a tse o di bonyeng ka ga Iseraele mo metlheng ya ga Usia, kgosi ya Juta, le mo metlheng ya ga Jerobeame, morwa Joase, kgosi ya Iseraele, dinyaga tse pedi pele ga thoromo ya lefatshe.


“Gakologelwang molao wa ga Moše, motlhanka wa me, o ke o mo laetseng kwa Horebe go nna wa Baiseraele botlhe, e leng ditaolo le ditaelo.


Mme Moše a bua le Hobabe morwa Rehuele wa Momidiane, mogwagwadiagwe, a re: “Jaanong re hudugela kwa felong fa go boletsweng ke Morena a re: ‘Ke tla go lo naya.’ Tlaya le rona, mme re tla go direla tse di molemo; gonne Morena o solofeditse Baiseraele tse di molemo.”


Ya re ba sena go huduga kwa thabeng ya Morena, ba sepela tsela malatsi a le mararo, mme Letlole la Kgolagano ya Morena la ba etelela pele leeto la malatsi a le mararo go ba batlela felo ga boikhutso.


Go ne go le badisa mo lefatsheng leo, ba le kwa nageng, ba tlhokometse letsomane la bone bosigo.


“E rile dinyaga di le 40 di sena go feta, moengele a bonala mo go ene kwa sekakeng sa thaba ya Sinai, a le mo kgabong ya molelo wa setlhare se se mitlwa.


Go tloga kwa Horebe go ya go fitlha kwa Kateše-Barenea ka tsela ya dithaba tsa Seire ke leeto la malatsi a le some nngwe.


“Morena Modimo wa rona o buile le rona kwa Horebe a re: ‘Lo ntse sebaka se se lekanyeng fa thabeng e.


se lebaleng letsatsi le lo neng lo eme fa pele ga Morena, Modimo wa lona, kwa Horebe ka lone, jale fa Morena a nthaya a re: ‘Mphuthele morafe, ke tla ba utlwisa mafoko a me gore ba ithute go mpoifa ka malatsi otlhe a ba phelang ka ona mo lefatsheng, ba be ba a rute bana ba bone.’


Jaanong Hebere wa Mokeni o ne a kgaoganye le Bakeni ba e leng bomorwa Hobabe, kgaitsadia mosadi wa ga Moše, a nna a tlhoma tente ya gagwe go ya go fitlha kwa setlhareng sa eike mo Saananime gaufi le Keteše.


Mme Samuele a botsa Isai a re: “A basimane ba ke bone botlhe?” A araba a re: “Go setse yo mmotlana; o disa dinku.” Samuele a raya Isai a re: “E re a ye go bidiwa; gonne ga re ka ke ra nnela go ja a ise a tle.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan