Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 27:3 - Setswana 1970

3 Le gona o dire diolola-melora tsa yona le digopa-melora tsa yona le megopo ya yona le ditlhaba-nama tsa yona le digokolelo tsa yona. Didiri tsotlhe tsa yona o di dire ka kgotlho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi u rihe lipitsa tsa eona go cula melora ea eona, le lishovela tsa eona, le meritsana ea khatseco ea eona, le litlabo tsa eona tsa nama, le maisho a eona; u rihe lilo cotle tsa eona tsa khotlo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 O se direle diolela melora tsa sone le digopa melora tsa sone, le megotšana ya sone, le dikgogetsa nama tsa sone, le ditsaya melelo tsa sone; dilwana tsotlhe tsa sone o di dire ka kgotlho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 27:3
17 Iomraidhean Croise  

Le gona Hirame a dira dipitsa le diolola-melora le dinkgo tsa kgatshetso. Hirame a ba a wetsa tiro yotlhe e a e direlang kgosi Salomo go nna tsa Ntlo ya Morena,


le dipitsa le diolola-melora le dinkgo tsa kgatshetso. Mme dilo tsotlhe tseo tse Hirame o neng a di direla kgosi Salomo go nna tsa Ntlo ya Morena e ne e le tsa kgotlho e e rethefaditsweng.


le megotšwana le dithipa le dinkgo tsa kgatshetso le dijana le diolola-melora ka gouta e e sa pekwang. Le dikaniri tsa ditswalo tsa Ntlo e e kwa Tengteng tsa Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le tsa ditswalo tsa Felo-ga-Boitshepo ga Ntlo ya Morena e ne e le tsa gouta.


Le gona ba tsaya dipitsa le diolola-melora le dithipa le megopo le dilo tsotlhe tsa kgotlho tse go neng go dirwa ka tsona mo tirelong-Modimo.


Molaodi wa bafemedi ba kgosi a tsaya ditshola-molelo le megopo e e kgatshetsang; e bong tsotlhe tse e leng gouta fela le tsotlhe tse e leng selefera fela.


le gouta e e sa pekwang ya diroophata le ya megopo e e kgatshang le ya dikgamelo le ya dinwelo tsa gouta ka fa e lekanyeng dinwelo tsotlhe ka teng le selefera ya dinwelo tsa selefera ka fa e lekanyeng dinwelo tsotlhe ka teng


Hurame a ba a dira dipitsa le diolola-molora le dijana tsa go kgatsha. Hurame a ba a fetsa go dira tiro e a e direlang kgosi Salomo kwa Ntlong ya Modimo:


le dipitsa le diolola-molora le diroophata le didiri tsotlhe tsa teng. Tsotlhe tseo Hurame-Abi a di direla kgosi Salomo go nna tsa Ntlo ya Morena, e le tsa kgotlho e e gotlhilweng.


Jaanong Moše a tsaya bontlhanngwe jwa madi, a a tshela mo megopong; a ba a kgatsha bontlhanngwe jwa madi mo aletareng.


Didiri tsotlhe tsa Tempelana eo tsa tirelo yotlhe ya yona le dimapo tsotlhe tsa yona le dimapo tsotlhe tsa lelapa, e nne tsa kgotlho.


O dire dinaka tsa yona mo dikhutlong tse nne tsa yona; dikgong tsa dinaka di fetele kwa tlase go nna maoto a yona. O e manege kgotlho.


O tswale fa gare ga maoto a yona ka letloa la kgotlho; o dire melepo e le mene ya kgotlho mo letloeng leo mo dikhutlong tse nne tsa yona.


A ba a dira didiri tsotlhe tsa aletare, e bong diolola-melora le digopa-melora le megopo le ditlhaba-nama le digokolelo. Didiri tsotlhe tsa yona a di dira ka kgotlho.


a be a tsee leiswana le tletse magala a a tswang mo aletareng fa pele ga Morena le bupe jwa matlhare a a nkgang monate bo tletse magofi a mabedi, a di ise ka fa teng ga lesire.


Ba be ba bee didiri tsotlhe tsa yona mo go lone tse ba direlang ka tsona mo go yona, e bong diolola-molora le diroophata le digopa-molora le megopo e e kgatshetsang le didiri tsotlhe tsa aletare, ba di khurumetse ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba be ba somele disikari tsa yona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan