Ekesodo 27:21 - Setswana 197021 A Arone le bomorwawe ba lo baakanye mo Tempelaneng ya Boipontsho ka fa ntle ga lesire le le sireleditseng Letlole la Tshupo gore lo tuke go tloga mantsiboana go ya mo mosong fa pele ga Morena. Selo se ke molao o o nnetseng ruri wa Baiseraele le wa ditshika tsa bone. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)21 A Arone le bomoroaue ba rulaganye mo tenteñ ea kokoanelo kua eintle ga setsiro, se se ha pele ga seshupo; go simolola ka matsiboea go ea moshoñ, ha pele ga Yehova: seo se, a se ne taeo e e sa khutleñ go bana ba Yeserele mo kokomaneñ tsa bona. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo21 Mo mogopeng wa bophuthegelo, fa ntle ga sesiro se se fa pele ga tshupo, a Arone le bomorwawe ba nne ba go rulaganye fa pele ga Jehofa, ba tsene maitseboa go ya mosong; e nne molao ka bosakhutleng go ya le dikokomana tsa bone, ba dire ba le mo boemong jwa bana ba Iseraele. Faic an caibideil |
Ba tshubela Morena ditlhabelo tsa phiso ka gale mo mosong le maitsiboa le maswalo a a nkgang monate, ba bee dinkgwe tsa tshupo mo tafoleng e e phepa, ba tshube setlhomo, e bong dipone tsa sona ka gale maitsiboa. Gonne rona re tshegetsa thulaganyo ya tirelo ya Morena, Modimo wa rona, mme lona lo mo tlogetse.