Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 27:2 - Setswana 1970

2 O dire dinaka tsa yona mo dikhutlong tse nne tsa yona; dikgong tsa dinaka di fetele kwa tlase go nna maoto a yona. O e manege kgotlho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Mi u rihe linaka tsa eona mo khokhocoñ li for tsa eona: linaka tsa eona a li ne yaka eona; mi u e manege khotlo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 O dire dinaka tsa sone di nne mo diphakeng tse nne tsa sone; dinaka tsa sone di direlwe gongwe fela naso go se na kgaogano, mme o se manege kgotlho.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 27:2
19 Iomraidhean Croise  

Morena ke Modimo, mme o re neile lesedi. Bofang seruiwa sa tlhabelo ya moletlo ka dikgole gore se fitlhe fa dinakeng tsa aletare.


Mme Atonia a boifa Salomo, ka moo a nanoga, a ya kwa Tenteng ya Morena, a tshwara dinaka tsa aletare.


Moperesiti a be a tshase madi mangwe mo dinakeng tsa aletare ya maswalo a a nkgang monate fa pele ga Morena e e mo Tenteng ya Boipontsho, a be a tshololele madi otlhe a a setseng a poana mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho.


O be o tsee madi mangwe a poana, o a tshase mo dinakeng tsa aletare ka monwana wa gago, mme madi otlhe a a setseng o a tshololele fa maotong a aletare.


e le gore ka dilo tse pedi tse di sa ka keng tsa fetoga, tse Modimo o sa ka keng wa aka ka gope ka tsona, rona ba re falotseng mo lefatsheng re tle re nne le kgomotso e kgolo, re itshwarelele ka tsholofelo e e beilweng fa pele ga rona,


Ka letsatsi leo kgosi ya itshepisa bogare jwa lelapa le le mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Ntlo ya Morena; gonne teng o ne a tlisa ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa bupe le mafura a ditlhabelo tsa tebogo, ka aletare ya kgotlho e e neng e le fa pele ga Morena e le potlana, e sa lekane ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa bupe le mafura a ditlhabelo tsa tebogo.


E rile Joabe a utlwela dilo tseo, a tshabela kwa Tenteng ya Morena, a feta a tshwara dinaka tsa aletare. Kana Joabe a ne a gogile le Atonia, le fa a se ka a goga le Abesalomo.


Jaanong a a tswele kwa aletareng e e fa pele ga Morena, a e direle thuanyo, a tsee madi mangwe a poana le a phoko, a a tshase mo dinakeng tsa aletare tikologong.


Ya baa gona Moše a e tlhabang, a tsaya madi, a a tshasa mo dinakeng tsa aletare tikologong ka monwana wa gagwe, a leofolola aletare, a ba a tshololela madi a mangwe fa motheong wa aletare, a e itshepisa ka go e ruanya.


Jaanong a moperesiti a tsee madi mangwe a setlhabelo sa boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa aletare ya ditlhabelo tsa phiso, mme a tshololele madi a a setseng a yona mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso.


A be a tshase madi mangwe mo dinakeng tsa aletare e e fa pele ga Morena mo Tenteng ya Boipontsho; a be a tshololele madi otlhe a a setseng mo motheong wa aletare ya ditlhabelo tsa phiso e e fa mojakong wa Tente ya Boipontsho.


Le gona o dire diolola-melora tsa yona le digopa-melora tsa yona le megopo ya yona le ditlhaba-nama tsa yona le digokolelo tsa yona. Didiri tsotlhe tsa yona o di dire ka kgotlho.


Tshwanelo ya bone ke go tlhokomela Letlole le tafole le setlhomo le dialetare le didiri tsa Felo-ga-Boitshepo tse ba direlang ka tsona le lesire la Felo-ga-Boitshepotshepo le tiro yotlhe ya teng.


Mme aletare ya kgotlho e e neng e le fa pele ga Morena yona a e tlosa fa pele ga Ntlo ya Morena gore e se ka ya nna fa gare ga aletare ya gagwe le Ntlo ya Morena, a e baya ntlheng ya bokone ya aletare ya gagwe.


Le gona a dira aletare ya kgotlho, boleele jwa yona e le mabogo a le 20 le bophara jwa yona e le mabogo a le 20, bogodimo jwa yona e le mabogo a le some.


Bogodimo jwa leiso la Modimo e le mabogo a le mane go tloga serepoding seo; dinaka tse nne di ne di tlhomilwe mo dikhutlong tsa leiso la Modimo, di lebile kwa godimo.


Morena wa masomosomo o tla ba sireletsa, mme ba tla ja batshodi ba seragamajwe, ba ba gataka, ba nwa madi a bone jaaka weine, ba tlala ona jaaka megopo ya setlhabelo le jaaka dikgokgotsho tsa aletare.


Ka yona Besalele a dira ditlhako tsa mojako wa Tempelana ya Boipontsho le aletare ya kgotlho le letloa la kgotlho la yona le didiri tsotlhe tsa aletare


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan