Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 27:1 - Setswana 1970

1 “Le gona o dire aletare ka dipati tsa mokgwa. Boleele le bophara e nne mabogo a le matlhano. Aletare a e lekalekane ka dikhutlo tse nne tsa yona. Bogodimo jwa yona e nne mabogo a le mararo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI u rihe aletara ea logoñ loa moshitima, bolele yoa eona bo ne likubeta li faeve, mi boatlamo yoa eona bo ne likubeta li faeve; aletara e ne manya; mi bogorimo yoa eona bo ne likubeta li teri.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 “Sebeso o se dire ka dikgong tsa mokala, boleele jwa sone bo nne jwa dimetara di le 2,2 le boatlhamo bo nne jwa dimetara di le 2,2; sebeso se nne dintlha di le nne tse di lekalekanang; bogodimo jwa sone bo nne jwa dimetara di le 1,3.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 27:1
20 Iomraidhean Croise  

Ke fa Gate a tla kwa go Dafita ka letsatsi leo, a mo raya a re: “Tlhatloga o agele Morena aletare mo seboaneng sa ga Arauna wa Mojebusi.”


Mme aletare ya kgotlho e e neng e le fa pele ga Morena yona a e tlosa fa pele ga Ntlo ya Morena gore e se ka ya nna fa gare ga aletare ya gagwe le Ntlo ya Morena, a e baya ntlheng ya bokone ya aletare ya gagwe.


Fela Arone le bomorwawe ba ne ba na le go tshuba ditlhabelo mo aletareng ya ditlhabelo tsa phiso le maswalo mo aletareng ya musi le go dira tiro yotlhe ya Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le go batlela Baiseraele boitshwarelo fela jaaka go ne go laetse Moše motlhanka wa Modimo.


Le gona a dira aletare ya kgotlho, boleele jwa yona e le mabogo a le 20 le bophara jwa yona e le mabogo a le 20, bogodimo jwa yona e le mabogo a le some.


Ga nanoga Jesua, morwa Josatake, le ba ga gabo, baperesiti, le Serubabele morwa Salathiele le ba ga gabo, ba aga aletare ya Modimo wa Iseraele go dira ditlhabelo tsa phiso mo go yona jaaka go kwadilwe mo molaong wa ga Moše, monna wa Modimo.


Moše a aga aletare, a e taya leina le le reng: “Morena ke sefoka sa me.”


Moše a kwala mafoko aotlhe a Morena, a ba a phakela mo mosong, a aga aletare fa tlase ga thaba, a tlhoma majwe a a motloutlo a le 12 ka fa ditsong di le 12 tsa Baiseraele.


le aletare ya ditlhabelo tsa phiso le didiri tsotlhe tsa yona le mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona;


le aletare ya ditlhabelo tsa phiso le letloa la kgotlho la yona le dithobane tsa yona le didiri tsotlhe tsa yona; le mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona;


le aletare ya kgotlho le letloa la kgotlho la yona le dithobane tsa yona le didiri tsotlhe tsa yona le mogopo o o tlhapelang le lekoto la ona;


O tlotse aletare ya ditlhabelo tsa phiso le didiri tsotlhe tsa yona, o itshepise aletare gore aletare e nne boitshepotshepo.


Mme aletare ya ditlhabelo tsa phiso a e baya ka fa ntle ga mojako wa moago, mo lapeng la Tempelana ya Boipontsho, a dira setlhabelo se se fisiwang le tshupelo ya dijo mo go yona jaaka Morena a laetse Moše.


“Aletare ya ditlhabelo tsa phiso o e bee ka fa ntle ga mojako wa Tempelana ya Tente ya Boipontsho.


Tshwanelo ya bone ke go tlhokomela Letlole le tafole le setlhomo le dialetare le didiri tsa Felo-ga-Boitshepo tse ba direlang ka tsona le lesire la Felo-ga-Boitshepotshepo le tiro yotlhe ya teng.


Ba be ba olole molora mo aletareng, ba ale lesela la bohibidu jwa bofifadu mo go yona.


Ba be ba bee didiri tsotlhe tsa yona mo go lone tse ba direlang ka tsona mo go yona, e bong diolola-molora le diroophata le digopa-molora le megopo e e kgatshetsang le didiri tsotlhe tsa aletare, ba di khurumetse ka kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba be ba somele disikari tsa yona.


Re na le aletare e bone ba ba direlang Taberenakele ba sa letlelelwang go ja tsa yona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan