Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 26:7 - Setswana 1970

7 “Gape o dire masela a boboa jwa dipodi go nna thulelo ya tente godimo ga Tempelana. Dira masela a a ntseng jalo a le 11.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 ¶ U rihe lilepelelo ka boboea yoa lipori, go na tenta ea taberenakela: u rihe lilepelelo li eleven.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 “O dire matsela a maodi a dipodi go nna mogope o o emang motlaagana godimo; o dire matsela a le 11.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 26:7
18 Iomraidhean Croise  

Mme bomorwadia Tiro ba tla batla go go kgatlha ka dineo, bona ba ba humileng bogolo mo bathong.


le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi;


“Tempelana o e dire ka masela a le some, e le a masweu a a ditlhale-pedi le a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi; o logele boKerubime mo go ona jaaka setswerere.


Fa e le dikarolo tsa masela tse di fetang tekanyo ya tente, a di lepelele fela; bontlhanngwe jwa lesela le le fetang tekanyo o bo lepeletse ka fa morago ga Tempelana.


“O be o direle tente thulelo ya matlalo a diphelehu a a hubiditsweng, mme mo godimo ga yona go nne thulelo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle.


Le gona o dire dikgogetso di le 50 tsa gouta, o tshwaraganye masela a mabedi ao ka dikgogetso tseo gore e nne moago o le mongwe.


Boleele jwa lesela lengwe e nne mabogo a le 30; bophara jwa lone e nne mabogo a le mane; masela a le 11 a nne selekanyo se le sengwe fela.


O rokaganye masela a le matlhano go sele le masela a marataro a mangwe go sele. Mme lesela la borataro o le mene fa pele ga tente.


le botlhe ba ba nang le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi le matlalo a diphelehu a a hubiditsweng le matlalo a dintšwa tsa lewatle, ba di tlisa.


Basadi botlhe ba ba neng ba itse, ba bile ba rata ba otlha boboa jwa dipodi.


gongwe masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi;


Morena o tla dira leru le musi motshegare, le phatsimo ya molelo o o tukang bosigo godimo ga dikago tsotlhe tsa thaba ya Sione le godimo ga diphuthego tsa yona. Gonne tshireletso e tla nna teng godimo ga tsotlhe tse di galalelang.


Tshwanelo ya boora Geresone kwa Tenteng ya Boipontsho ke go tlhokomela Taberenakele le tente le thulelo le sebipo sa mojako wa Tente ya Boipontsho


Le gona lo itshekise diaparo tsotlhe le dilo tsotlhe tsa matlalo le tsotlhe tse di dirilweng ka boboa jwa dipodi le dilwana tsotlhe tsa logong.”


A ba rwale masela a a lepeletseng a Taberenakele le Tente ya Boipontsho, e bong thulelo ya lesela le ya kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle e e mo godimo ga lone le sebipo sa mojako wa Tente ya Boipontsho


mme a e nne motho yo o fitlhegileng wa pelo yo o apereng mokgabo o o sa nyeleleng wa mowa o o bonolo, o o iketlileng; ke ona o o kgatlhang Modimo.


Le lona ba bašwa, utlwang bagolo, mme lotlhe direlanang ka boikokobetso; gonne “Modimo o ganetsa ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba naya boitshwarelo.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan