Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 26:1 - Setswana 1970

1 “Tempelana o e dire ka masela a le some, e le a masweu a a ditlhale-pedi le a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi; o logele boKerubime mo go ona jaaka setswerere.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI u rihe taberenakela ea lilepelelo li ten tsa lene ye le otliloeñ sesesane, le bobururu, le porepura, le sekarelata: u li rihele likeruba tsa tiho e e tsetsenoeñ:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 “Gape o dire motlaagana ka matsela a le some a a lepeletseng; o a dire ka letsela la leloba le le boleta, le le otlhilweng bosesane, le ka bobududu, le bohibidu jo bo mokgona, le bohibidu jo bo letlhololo, o bo o a loge ditshwano tsa ditšheruba, e le mo go ka tsetsenwang ke setswerere.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 26:1
29 Iomraidhean Croise  

ya raya moporofeti Nathane ya re: “A ko o bone, nna ke nna mo ntlong ya mesetere, mme Letlole la Modimo le nna mo teng ga masela a tente.”


Mo dipoteng tsotlhe tsa Ntlo ya Morena, mo Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo le mo Felong-ga-Boitshepo, tikologong a seta ditshwantsho tsa boKerubime le tsa mekolane le tsa dithunya tse di fololetsweng.


E rile Dafita a ntse a nna mo ntlong ya gagwe, a raya moporofeti Nathane a re: “Bona, nna ke nna mo ntlong ya mesetere, mme Letlole la Kgolagano ya Morena lone le fa tlase ga masela a tente.”


Kana Taberenakele e e neng e dirilwe ke Moše kwa sekakeng le aletare ya ditlhabelo tsa phiso tsone ka sebaka seo di ne di le kwa thoteng ya tlhabelo kwa Gibeone.


Le gona o dire boKerubime ba le babedi ba gouta, o ba thule ka gouta e e kwenneng mo ntlheng tse pedi tsa sekhurumelo.


le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi;


A ba ntirele Ntlo e e Boitshepo gore ke nne mo gare ga bone.


Boleele jwa lesela lengwe le lengwe e nne mabogo a le 28; bophara jwa lone e nne mabogo a le mane; masela otlhe a nne selekanyo se le sengwe fela.


“Le gona o dire lesire ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi. O logele boKerubime mo go lone jaaka setswerere.


“Le gona o direle mojako wa tente sebipo ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi, se logilwe ke mologi wa masela a a marabata.


e bong Tempelana ya Boipontsho le Letlole la Tshupo le sekhurumelo sa thuanyo se se mo godimo ga lone le dilo tsotlhe tsa Tempelana eo;


e bong Tempelana le tente ya yona le thulelo ya yona le dikgogetso tsa yona le dipati tsa yona le mephakarego ya yona le maotwana a yona le ditlhako tsa yona;


Bao o ba tladitse botlhale jwa pelo gore ba itse go dira ditiro tsotlhe tsa go seta le tsa go loga masela a a ditshwantsho le masela a a mebalabala le masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le tsa go loga masela a mangwe. Ba tla dira ditiro tsotlhe, ba loga maano a maatlametlo.


gongwe masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu le boboa jwa dipodi;


Le gona a dira lesire ka masela a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu a a ditlhale-pedi; a logela boKerubime mo go lone jaaka setswerere.


Ba papetla gouta ya nna letsatsanyana, ba e sega ditlhale go di logela mo maseleng a mabududu le a bohibidu jwa bofifadu le a bohibidu jwa madi le a masweu, e le tiro ya mologi wa masela a a ditshwantsho.


“Tlhoma Tempelana ya Tente ya Boipontsho ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha.


Tshwanelo ya boora Geresone kwa Tenteng ya Boipontsho ke go tlhokomela Taberenakele le tente le thulelo le sebipo sa mojako wa Tente ya Boipontsho


A ba rwale masela a a lepeletseng a Taberenakele le Tente ya Boipontsho, e bong thulelo ya lesela le ya kobo ya matlalo a dintšwa tsa lewatle e e mo godimo ga lone le sebipo sa mojako wa Tente ya Boipontsho


Lefoko leo la nna nama, la aga mo go rona, ra ba ra bona kgalalelo ya lone, e le kgalalelo e e lebanyeng yo o tsetsweng a le esi, e tswa mo go Rara, a tletse bopelotlhomogi le boammaaruri.


Mme ene o ne a bua ka ga Tempele ya mmele wa gagwe.


e le modiredi wa Felo-ga-Boitshepo, wa Taberenakele ya nnete, e Morena o e tlhomileng, e seng motho.


Gonne go ne go tlhongwa Tempelana: Go le karolo ya botlhabatsatsi e go neng go le setlhomo sa lobone le tafole le dinkgwe tsa tshupo mo go yona e e bidiwang Felo-ga-Boitshepo;


e e leng sekao se se lebileng sebaka seno, e ka fa mokgweng wa yona go isiwang dineo le ditlhabelo teng tse di sa ka keng tsa dira gore modiredi a nne yo o tletseng ka fa segakoloding.


O neilwe go ikapesa ka lesela le lesweu le le phatsimang, le le phepa;” ka gonne lesela le lesweu ke ditiro tse di siameng tsa baitshepi.


Jaanong ka utlwa lentswe le legolo le tswa sedulong sa bogosi le re: “Bona, boago jwa Modimo bo mo bathong! O tla aga nabo; bona ba tla nna batho ba one; mme Modimo ka osi o tla nna nabo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan