Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 24:4 - Setswana 1970

4 Moše a kwala mafoko aotlhe a Morena, a ba a phakela mo mosong, a aga aletare fa tlase ga thaba, a tlhoma majwe a a motloutlo a le 12 ka fa ditsong di le 12 tsa Baiseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Mi Moshe a kuala mahuku a ga Yehova aotle, mi a phakela, a aga aletara kua tlatse ga thaba, le lipilara li tueleve, kaha licoñ li tueleve tsa Boyeserela.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Moše a kwala mafoko otlhe a ga Jehofa, mme a phakela a aga sebeso fa tlase ga thaba, le difikantswe tse di motloutlo di le 12, jaaka ditso di le 12 tsa Iseraele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 24:4
27 Iomraidhean Croise  

Ke fa Morena a iponatsa mo go Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya ba losika lwa gago.” Jaanong Aborame a agela Morena yo o iponaditseng mo go ene aletare gona.


Jakobe a phakela mo mosong, a tsaya lentswe le o neng a le samile, a le tlhoma go nna segopotso, a tshela lookwane godimo ga lone.


Foo lentswe le ke le tlhomileng go nna segopotso e tla nna Ntlo ya Modimo. Gape tsotlhe tse o tla di nnayang ke tla go ntshetsa kabelo ya lesome ya tsona.”


Ke fa Jakobe a tsaya lentswe, a le tlhoma go nna segopotso.


Ke fa Ahia a ikapola kobo e ntšhwa e a e apereng, a e gagola dibata di le some le metso e mebedi,


Elia a tsaya majwe a le 12 ka fa palong ya ditso tsa bomorwa Jakobe yo lefoko la Morena le kileng la tla kwa go ene la re: “Leina la gago e tla nna Iseraele,”


Ka kgakolo ya Ntlo ya Modimo ba dira ditlhabelo tsa dipoo di le 100 le diphelehu di le 200 le dikwana di le 400 le ditlhabelo tsa boleo tsa diphoko di le 12, ka ntlha ya Baiseraele botlhe ka fa palong ya ditso tsa bone.


Mo dikwalong tsa mafoko a a kannweng go ne ga ikwala: Nehemia, mookamedi, morwa Hagalea, le Setekia


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Tseo di kwale mo lokwalong gore di se lebalwe, o di tsenye mo tsebeng tsa ga Jošua go re: Ruri, ke tla tlosa go gopola Amaleke gotlhe fa tlase ga letsatsi.”


Moše a aga aletare, a e taya leina le le reng: “Morena ke sefoka sa me.”


“Ditaelo tse o tla di ba begelang ke tse:


A ba a tsaya lokwalo lwa kgolagano, a le buisa mo ditsebeng tsa morafe. Mme wa re: “Tsotlhe tse Morena o di buileng, re tla di dira le go di utlwa.”


A majwana ao a nne lesome le bobedi ka fa maineng a bomorwa Iseraele. Lentswana lengwe le lengwe le nne le leina la lotso longwe lwa ditso tse di lesome le bobedi le kwadilwe ka go gwaiwa jaaka sekano.


Jaanong Morena a raya Moše a re: “Kwala mafoko a; gonne ke dirile kgolagano nao le Baiseraele ka fa mafokong a.”


Ka letsatsi leo go tla nna aletare ya Morena mo gare ga lefatshe la Egepeto, le lentswe le le motloutlo la kgopotso la Morena fa molelwaneng wa lone.


“Le gona a a tsee bupe jo bo boleta, a bese dinkgwe di le 12 tsa jona; dikarolo di le pedi tsa some tsa efa ya bupe e nne tsa senkgwe se le sengwe.


“Bua le Baiseraele, o tsee mo go bone thobane e le nngwe ya lotso longwe le longwe, e bong mo dikgosaneng tsotlhe tsa ditso tsa bone, e bong dithobane di le 12. O be o kwale leina la mongwe le mongwe mo thobaneng ya gagwe.


gore lo je lo nwe fa tafoleng ya me mo pusong ya me. Lo tla nna mo ditulong tsa bogosi, lo atlhola ditso tse di 12 tsa Iseraele.”


ya re ba lemoga bopelotlhomogi jo ke bo neilweng, Jakobo le Kefa le Johane, ba ba neng ba kaiwa dipilara, ba naya nna le Baranaba diatla tse di jang tsa kutlwano ya gore rona re ye kwa baheitaneng, mme bone ba ye kwa go ba ba rupileng.


Jaanong Moše a kwala molao o, a o neela baperesiti, boora Lefi ba e neng e le basikari ba Letlole la Kgolagano ya Morena le bagolo botlhe ba Iseraele.


Mme mafika a a some pedi ale a ba a ntshitseng mo Joretane Jošua a a tlhoma kwa Gilegala.


Jošua a ba laela a re: “Tshelang lo etelele Letlole la Morena, Modimo wa lona, pele, lo tsene kwa gare ga Joretane, mme a mongwe le mongwe wa lona a tsee lefika, a le sikare legetleng ka fa palong ya ditso tsa Iseraele


Lobota lwa motse lo na le matlapa a motheo a le 12, mo go ona go gwailwe maina a le 12 a baapostolo ba ba 12 ba Kwana.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan