Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 24:1 - Setswana 1970

1 Morena a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano Moreneng, wena le Arone le Natabe le Abihu le bagolo ba le 70 ba Baiseraele, lo mo obamele lo le kgakala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI a raea Moshe, Tlatlogela go Yehova, uena, le Arone, le Nadabe, le Abihue, le bagolu ba sevente ba Boyeserela; mi lo ikobe lo le khakala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 Jehofa a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwa go Jehofa, wena, le Arone, le Natabe, le Abihu, le bagolwane ba Iseraele ba le 70; mme lo obame lo le kgakala.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 24:1
20 Iomraidhean Croise  

Bana ba ga Amerame ke Arone le Moše le Miriame. Bomorwa Arone ke Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare.


Mme botlhe ba e leng ba losika lwa ga Jakobe e ne e le batho ba le 70. Mme Josefa o ne a sa bolo go ya kwa Egepeto.


E rile Morena a sena go fologela mo setlhoeng sa thaba ya Sinai Morena a biletsa Moše teng, mme Moše a tlhatloga.


Morena a mo fetola a re: “Tsamaya o fologe, mme o boe o tlhatloge gape o na le Arone; mme a baperesiti le morafe ba se ka ba sutlha go tlhatlogela kwa Moreneng, e se re gongwe a ba tlhasela a gaketse.”


Morena a raya Moše a re: “Bona, ke tla tla koo go wena ke le mo lerung le le kimakima gore morafe o nkutlwe ke bua le wena, mme ba go dumele ka bosakhutleng.” Moše a begela Morena mafoko a morafe.


Mme morafe wa emela kgakala, Moše ene a atamela leru le le kwenneng le Modimo o neng o le mo go lone.


Ya re Moše a tlhatlogela kwa thabeng, leru la bo le khurumeditse thaba;


Mme a Moše a atamele Morena a le esi, bale ba se ka ba atamela; le morafe o se ka wa tlhatloga nae.”


Morago ga moo Moše le Arone le Natabe le Abihu le bagolo ba le 70 ba Baiseraele ba tlhatloga,


“Foo o atametse Arone mogoloo le bomorwawe nae kwa go wena, o ba ntshe mo Baiseraeleng gore a ntirele e le moperesiti, ene Arone le Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare, bomorwa Arone.


Wa re: “Se atamele kwano, rola ditlhako tsa gago; gonne felo fa o emeng teng foo ke felo fa go boitshepo.”


Kamoso o bo o ipaakantse, o tlhatlogele phakela mo thabeng ya Sinai, o eme fa go nna teng mo godimo ga thaba.


Arone a tsaya Eliseba, morwadia Aminatabe, kgaitsadia Nasone, go nna mosadi wa gagwe, a tsala nae Natabe le Abihu le Eleasare le Ithamare.


Banna ba le 70 ba bagolo ba Baiseraele ba bo ba eme fa pele ga tsona; le Jaasanya, morwa Safane, a eme mo gare ga bone; mongwe le mongwe a tshotse leiswana la gagwe la go fisa maswalo; bodupa jwa leru la maswalo jwa tlhatloga.


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Mphuthele banna ba le 70 mo batsofeng ba Iseraele, ba o ba itseng, fa e le bagolo ba morafe le baokamedi ba ona, o ba biletse kwa Tenteng ya Boipontsho, ba eme gona nao.


Morago ga dilo tseo Morena a tlhomamisa ba bangwe ba le 70, a ba roma ka bobedi le bobedi go mo etelela pele kwa motseng mongwe le mongwe le felong gongwe le gongwe kwa a tla fitlhang teng ka esi.


Jaanong ba ba 70 ba boa ka boitumelo ba re: “Morena, medemone le yone e re ikobela ka leina la gago.”


Ka tsaya ditlhogo tsa ditso tsa lona, e bong banna ba ba tlhalefileng ba ba nang le temogo, ka ba dira ditlhogo tsa lona, ya nna balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo le balaodi ba 50 le balaodi ba masome le bakwaledi ba ditso tsa lona.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan