Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 23:1 - Setswana 1970

1 “O se ka wa bolela magatwe a ditshele. O se ka wa emela moikepi ka go nna mosupi wa kgobelelo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 LO si cule tumo ea tsieco; lo si kopane le moikepi, go na bashupi ba tsenyo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 “O se ka wa tshola mafoko fela a e seng one; o se ka wa patagana le moikepi go nna mosupi yo o sa siamang nae.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 23:1
40 Iomraidhean Croise  

a mmolelela mafoko ona ao a re: “Motlhanka yo wa Mohebere yo o mo tlisitseng fa go rona, o tlile kwa go nna go ntshotla.


Kgosi ya ba ya botsa ya re: “Morwa mong-wa-go o kae?” Siba a araba kgosi a re: “Ene o setse kwa Jerusalema, gonne a re: ‘Kajeno Baiseraele ba tla mpusetsa bogosi jwa ga rre.’ ”


Mme Siba a ya a senya motlhanka wa gago leina fa pele ga kgosi, mong wa me. Mme kgosi, mong wa me, o tshwana le moengele wa Modimo. Dira tse o bonang di go siametse.


Yo o sebang mongwe-ka-ene mo sephiring ke tla mo didimatsa. Yo o matlho a boikgodiso le pelo ya boikgogomoso ga nka ke ka mo itshokela.


O tla go nayang, a go okeletsa eng, wena, loleme lwa tsietso?


yo o sa senyeng motho leina ka loleme, a sa direle mongwe-ka-ene bosula, a sa kgobe wa ga gabo;


O se ka wa ntsenya mo thateng ya baganetsi ba me; gonne ke tsogetswe ke basupi ba maaka, le mongwe yo o sumelang go senya.


Go tsoga basupi ba pateletso, ba mpotsa se ke sa se itseng.


“O se ka wa bua maaka ka ga mongwe-ka-wena.


Katogana le kgang ya maaka. Se bolae yo o se nang molato yo o siameng. Gonne ga nkitla ke atlholela moikepi.


Melomo ya maaka e fitlha letlhoo, moutlwatsa-tshele ke lesilo.


Yo o bolelang tse e leng tsona o bua tse di tlhomameng; mme mosupi wa maaka o bua tsa tsietso.


Mosupi yo o ikanyegang ga a ake, mme mosupi wa tsietso o bua maaka fela.


Mosenyi o reetsa molomo o o tsietsang; moaki o utlwelela loleme lo lo bolotsana.


Mosupi wa sekebeke o sotla tshiamo; melomo ya baikepi e natefelwa ke tsietso.


Mosupi yo e seng wa nnete ga a nke a tlhoka petso; yo o buang maaka ga a nke a falola.


Mosupi wa maaka ga a nke a tlhoka petso; yo o buang tse e seng tsona o tla latlhega.


Mosupi wa maaka o tla latlhega; mme motho yo o utlwileng mafoko o tla bua tse di tlhomameng.


Se pateletse mongwe-ka-wena ka bomo! A ò tshwanetse go timetsa batho ka molomo wa gago?


Monna yo o supang maaka ka ga mongwe-ka-ene ke molamu le tšhaka le motswi o o bogale.


Phefo ya bokone e tlisa pula; loleme lo lo sebang lo ngadisa difatlhego.


le mosupi wa kako yo o bolelang maaka le yo o losang bana ba motho.


Therego e mo tikologong! Gonne ke utlwetse ba bantsi ba ntsheba ba re: “Mmegeng, re rata go mo teba.” Batho botlhe ba ba phelang le nna ka kagiso ba lalela phoso ya me. Ba re: “Ka gongwe o tla raelega gore re mo fenye, re mo ipusolosetse.”


“ ‘Lo se ka lwa utswa; lo se ka lwa aka le e seng go tsietsanya.


O se ka wa tsamayatsamaya go senya maina mo morafeng wa ga eno le e seng go bolaisa mongwe-ka-wena mo tshekong; ke nna Morena.


A mmotsa a re: “Ke dife?” Jesu a re: “Ke tse: O se ka wa bolaya; o se ka wa dira boaka; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako;


Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.”


Batlhabani le bone ba mmotsa ba re: “Mme fa e le rona, re dire eng?” A ba raya a re: “Se gateleleng ope, se lefiseng ope ka patiko; mme lo itumelele tuelo ya lona fela.”


“A molao wa rona o ka atlhola motho, a ise a sekisiwe, go ise go itsiwe se a se dirileng?”


A ga re ka ke ra bua bogolo ra re: “A re direng bosula gore molemo o tswe mo go jona!” jaaka bangwe ba sotla ka rona ba re, re bua jalo? Bao ke ba petso e ba tshwanetseng.


Ka moo apolang maaka, mme a mongwe le mongwe a bue boammaaruri le mongwe-ka-ene; ka gonne re direlana re le ditokololo.


“ ‘Le gona o se ka wa bua maaka ka ga mongwe-ka-wena.


ba ba se nang lorato, ba ba sa itshwareleng, ba ba latofatsang, ba ba sa itsholeng sentle, ba ba sa itshwareng, ba ba sa rateng sepe se se molemo,


Lo nne le segakolodi se se siameng gore bone ba ba kgalang tsamao e e molemo ya lona mo go Keresete ba tlhajwe ke ditlhong ka dilo tse ba lo senyang leina ka tsona.


Ke fa ke utlwa lentswe le legolo mo legodimong le re: “Jaanong pholoso le thata le puso ke tsa Modimo wa rona, le thata ke ya Motlodiwa wa ona; ka gonne molatofatsi wa bakaulengwe ba rona yo o ba latofatsang fa pele ga Modimo wa rona bosigo le motshegare o digilwe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan