Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 22:1 - Setswana 1970

1 “Fa monna a utswa kgomo gongwe nku, a e tlhaba gongwe a e rekisa, foo a a lefe kgomo eo ka dikgomo di le tlhano le nku eo ka dinku di le nne.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 HA monona a ucua khomu, khotsa sehutsane, a e tlaba, khotsa a e bapatsa; a a lehe khomu e ka khomu li faeve, le sehutsane se ka lihutsane li for.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 “Fa motho a utswa kgomo, le fa e le sehutshane, mme a e bolaya, gongwe a e rekisa; a a lefe kgomo ka dikgomo di le tlhano, le sehutshane ka dihutshane di le nne.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 22:1
9 Iomraidhean Croise  

Le gona a a lefe kwanyana eo ka tse nne, ka a dirile tiro eo, a se ka a tlhomoga pelo.”


Gongwe fa go itsiwe gore kgomo ga e bolo go tlhaba, mme mong wa yona a sa e dise, foo o tshwanetse go lefa kgomo ka kgomo, mme e e suleng e nne ya gagwe.


Fa dipholo di se teng, mogopo o lolea; mme kotulo e kgolo e bonwa ka thata ya dipholo.


Fa le tshwarwa, le ka lefa gasupa; le ka ntsha dithoto tsotlhe tsa ntlo ya lone.


Le gona go fitlhetswe madi a bahumanegi ba ba se nang molato mo mejeng ya diaparo tsa gago, Iseraele, ba o sa ba fitlhelang ba thuba ntlo. “Mme le fa go ntse jalo,


fa moikepi a rebola peeletso, a busa tse a di thukhuthileng, a sepela ka fa melaong ya bophelo, a sa dire tshiamololo, foo o tla phela tota; ga a nke a swa.


a ba ipobole dibe tsa bone tse ba di dirileng, mme yo o sentseng a lefe molato wa gagwe ka botlalo, a be a oketse karolo ya botlhano ya ona, a nee ene yo a mo senyeditseng.


Sakeo a ema, a raya Morena a re: “Bona, Morena, bontlhanngwe jwa tse ke nang natso ke bo naya bahumanegi; mme fa ke tseetse mongwe sengwe ka patiko, ke tla se mmusetsa gane.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan