Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 21:2 - Setswana 1970

2 Fa o reka lekgoba la Mohebere, a le go direle dinyaga di le thataro, mme ka ngwaga wa bosupa a le gololwe le tsamae, le sa ithekolole ka sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ere ha lo reka motlañka oa Sehebera, a a rihele ka nyaga li sekes; mi a a coe a itsamaele ka ñuaga oa bo‐seven, esiñ ka sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 E re fa o reka motlhanka e le Mohebere, a dire ka dinyaga di le thataro; e re ka ya bosupa a tswe a gololegile, e seng ka sepe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 21:2
18 Iomraidhean Croise  

A Modimo o go neye monyo wa legodimo le monono wa lefatshe le letlotlo la mabele le la matute a moweine.


Esau a re: “Ruri, o bidiwa Jakobe ka tshwanelo. Kana o ntsieditse gabedi: Bogolo jwa me o bo tsere; jaanong o tsere le tshegofatso ya me.” A ba a re: “A ga o a ntshadisetsa tshegofatso epe?”


Mosadi mongwe wa basadi ba barutwa ba boporofeti o kile a lela mo go Elisa a re: “Motlhanka wa gago, monna wa me, o sule, mme o a itse gore motlhanka wa gago o ne a boifa Morena. Jaanong motho yo go tserweng molato mo go ene o tlile a re, o tsaya bana ba babedi ba me go nna batlhanka ba gagwe.”


Ka ba raya ka re: “Rona re rekolotse ba ga rona, e bong Bajuta ba ba neng ba rekisitswe mo ditšhabeng ka fa re nonofileng ka teng, mme lona le rekisa ba ga lona gore ba be ba rekisiwe mo go rona.” Ke fa ba didimala, ba tlhoka puo.


Mme molala mongwe le mongwe, fa o sena go mo rupisa, o ka e ja.


Fa le tlile le le losi a le gololwe le le losi; fa le tlile le mosadi, a le gololwe le mosadi wa lone.


“Mme fa motho a rekisa morwadie gore a nne lekgoba, lone le se ka la gololwa jaaka lekgoba la monna.


Fa letsatsi le setse le le tlhabetse, foo ke molato wa polao. Legodu le tshwanetse go lefa; fa le se na sepe, a le rekisiwe ka ntlha ya bogodu jwa lone.


Fela fa a sa rekololwe jalo, o tla gologa ka ngwaga wa tuduetso le bana ba gagwe.


Mme ya re ka a palelwa ke go lefa, morena a laola gore a rekisiwe le mosadi le bana le tsotlhe tse o nang natso, gore go duelwe mesuga.


Lo rekilwe ka tlhwatlhwa e kgolo; galaletsang he Modimo ka mebele ya lona e e leng ya Modimo!


“E ne e re go fela dinyaga di supa, o phimola melato.


A go se ka ga go thatafalela, fa o mo golola, mme a go tlogela; gonne tse a di go diretseng ka dinyaga di le thataro, di lekanye le tuelo ya badiri ba le babedi ba ba rapilweng; mme Morena, Modimo wa gago, o tla go tshegofatsa mo go tsotlhe tse o di dirang.


Moše a ba laela a re: “E ne e re go fela dinyaga di supa, ka nako ya ngwaga wa go phimola melato, ka Moletlo wa Metlaagana,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan