Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 21:1 - Setswana 1970

1 “Ditaelo tse o tla di ba begelang ke tse:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

1 MI tse ki cona tsiamisho tse u tla li baeañ ha pele ga bona.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

1 “Jaana dikatlholo tse o tlaa di bayang fa pele ga bone ke tse.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 21:1
27 Iomraidhean Croise  

“Ka ga Ntlo ya Morena e e o e agang, itse gore fa o sepela ka fa melaong ya me, o dirafatsa tse di nkgatlhang, o tshegetsa ditaolo tsa me tsotlhe ka go sepela mo go tsona, ke gona ke tla dirafatsang Lefoko la me mo go wena le ke le buileng le Dafita rrago.


Tshekong nngwe le nngwe e e tlisiwang kwa go lona e tswa kwa go ba ga lona ba ba agileng kwa metseng ya bone, le fa e le ya polao gongwe ya molao le taolo gongwe ya ditshwanelo le ditshiamelo, lo ba tlhagise, e se re gongwe ba itsenya mo molatong fa pele ga Morena, mme bogale jwa tla, jwa lo betsa le ba ga lona. Dirang jalo; foo ga lo kitla lo nna molato.


ba ikopanya le batlotlegi ba ga bone, ba ipofa ka khutso le ka maikano go sepela ka fa molaong wa Modimo, o o beilweng ka Moše, motlhanka wa Modimo, go tshegetsa le go dirafatsa ditaolo tsotlhe tsa Morena, Morena wa rona, mmogo le ditshiamelo tsa gagwe le melao ya gagwe.


O itsise Jakobe Lefoko la ona, o itsise Iseraele melao ya ona le dithulaganyo tsa ona.


Moše a tla, a bitsa bagolo ba morafe, a ba begela mafoko aotlhe ao a Morena o a mo laetseng.


Ka ba neela ditaolo tsa me, ka ba itsise ditshiamo tsa me tse motho a tshwanetseng go di dira gore a phele ka tsona.


“ ‘Ka moo le nna ka ba neela ditaolo tse di seng molemo, le melao e ba sa ka keng ba phela ka yona.


Mme lona lo tlhokomele melao ya me le ditshiamelo tsa me; lo se ka lwa dira sepe sa maila ao, lona ba lo tsaletsweng mo gae le fa e le moeng yo o lo agetseng.


Tlhokomelang he melao ya me le ditshiamelo tsa me; motho yo o dirang ka fa tsona o tla phela ka tsona; ke nna Morena .


Tlhokomelang melao ya me yotlhe le ditshiamelo, lo dire ka tsona; ke nna Morena.’ ”


“ ‘Jaanong he, tlhokomelang melao ya me yotlhe le ditshiamelo tsa me tsotlhe, lo dire ka tsona gore lefatshe le ke lo isang kwa go lone go nna teng, le se ka la lo tlhatsa.


“Gakologelwang molao wa ga Moše, motlhanka wa me, o ke o mo laetseng kwa Horebe go nna wa Baiseraele botlhe, e leng ditaolo le ditaelo.


foo a phuthego e atlhole gare ga moitei le mmusolosi wa madi ka fa melaong eo.


Ke tsona ditaelo le ditshiamelo tse Morena o di laetseng Baiseraele ka Moše kwa mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo.


lo ba rute go tlhokomela tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme itseng, nna ke na le lona ka malatsi otlhe go ya bokhutlong jwa lefatshe.”


“E re fa wa ga eno wa Mohebere, e bong monna gongwe mosadi, a ithekisa mo go wena, a a go direle dinyaga di le thataro, mme ka ngwaga wa bosupa o mo golole, o mo nee tsela, a go tlogele.


Mme nna Morena a ntaela ka sebaka seo go lo ruta melao le ditshiamelo gore lo di dirise mo lefatsheng le lo tla tshelelang kwa go lone go le rua.


Ke tsona ditshupo le melao le ditshiamelo tse Moše o di boleletseng Baiseraele ba sena go huduga kwa Egepeto,


“Bonang! Ke lo rutile melao le ditshiamelo ka fa Morena, Modimo wa me, a ntaetseng ka teng gore lo dire jalo mo lefatsheng le lo tla tsenang mo go lone go le rua.


Gape setšhaba se segolo ke sefe se se nang le melao le ditshiamelo tse di tshwanang le molao otlhe o ke o bayang fa pele ga lona gompieno?


Jaanong Moše a bitsa Baiseraele botlhe, a ba raya a re: “Lona Baiseraele, utlwang melao le ditshwanelo tse ke di buang mo ditsebeng tsa lona gompieno, lo di ithute, lo tlhokomele gore lo dire ka tsona.


Mme wena sala fano o eme fa go nna, ke tle ke go bolelele ditaolo tsotlhe le melao le ditshwanelo tse o tla di ba rutang gore ba dire ka tsona mo lefatsheng le ke tla le ba nayang go le ja boswa.’


“Ke yona taolo le melao le ditshwanelo tse Morena, Modimo wa lona, o laetseng go di lo ruta gore lo di dirise mo lefatsheng le lo tla tshelelang kwa go lone go le rua;


“E ne e re fa morwao a go botsa ka metlha e e tlang a re: ‘Ditshupo le melao le ditshwanelo tse Morena, Modimo wa rona, o di lo laetseng ke tsa go reng?’


Bakaulengwe, jaanong re tswelela ka go lo rapela le go lo kaela ka Morena Jesu gore lo nne lo tote bogolo thata, jaaka lo ithutile mo go rona ka fa lo tshwanetseng go tsamaya le go kgatlha Modimo ka teng, jaaka lo setse lo sepela.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan