Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 20:3 - Setswana 1970

3 “O se nne le medimo epe e sele kwa ntle ga me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 ¶ Lo si ne le merimo e sele ha pele ge me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 “O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 20:3
37 Iomraidhean Croise  

E rile ka sebaka sa botsofe jwa ga Salomo, basadi ba gagwe ba faposa pelo ya gagwe gore a latele medimo e sele, mme pelo ya gagwe ya se ka ya nna le Morena, Modimo wa gagwe, ka botlalo jaaka pelo ya ga Dafita rraagwe.


Nayang Morena tlotlo e e tshwanetseng leina la gagwe; obamelang Morena lo kgabile ka tse di boitshepo.


Ke na le mang kwa legodimong, fa e se wena? Fa ke na nao, ga ke kgatlhwe ke sepe mo lefatsheng.


A go se ka ga nna modimo ope wa seeng mo go wena; le gona o se ka wa obamela modimo ope wa ba sele.


Reetsa, morafe wa me, ke tla go kaela; wena Iseraele, e kete o ka bo o nkutlwa.


Morena, ke mang mo medimong yo o tshwanang le wena? Ke mang yo o galaleditsweng ka boitshepo, yo o boitshegang ka ditiro tse di bokwang, yo o dirang dikgakgamatso jaaka wena?


Lo se ka lwa kaya sepe jaaka nna; lo se ka lwa itirela medimo ya selefera gongwe ya gouta.


“Mongwe le mongwe yo o robalang le seruiwa o tshwanetse go bolawa.


Lo se ka lwa obamela medimo ya bone le e seng go e direla le e seng go dira jaaka bone ba dira, mme lo e digele ruri, lo pšhwetlakanye mafika a bone a a betlilweng motloutlo.


Ba fapogile ka pele mo tseleng e ke e ba laetseng, ba itiretse namane e e bopilweng, ba e obamela, ba e tlhabela ditlhabelo ba re: ‘Ke ona modimo wa lona Baiseraele, o o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’ ”


“Gonne ga lo a tshwanela go obamela modimo o sele. Gonne Morena yo leina la gagwe e leng Mofufegedi ke Modimo o o lefufa.


Ikanyeng Morena ka gale, gonne Morena ke lefika la bosakhutleng.


“Ke nna Morena, ke lone leina la me! Mme kgalalelo ya me ga nkitla ke e naya ope o sele, le e seng go naya medimo ya diseto tlotlo ya me.


Morena o bua a re: “Lona lo basupi ba me, le motlhanka wa me, yo ke mo itlhaoletseng, gore lo itse, lo ntumele, lo lemoge, fa e le nna. Ga go a bopiwa modimo ope pele ga me; le gona ga go nke go nna ope morago ga me.


Se reregeng, lo se boife! A ga se go tswa bogologolo ke ntse ke lo utlwisa le go lo itsise tse di tla dirafalang? Lo basupi ba me. A go na le Modimo kwa ntle ga me? Nnyaya, ga go na lefika le sele. Ga ke itse lepe.”


Gakologelwang dilo tsa pele, tsa bogologolo. Kana ke nna Modimo, ga go na ope o sele; ke nna Modimo, ga go na ope yo o tshwanang le nna.


Se saleng medimo e sele morago go e direla le go e obamela; se ntlhotlheletseng bogaleng ka tiro ya diatla tsa lona gore ke se ka ka lo direla bosula.’


Kana ke lo rometse baporofeti, batlhanka ba me botlhe, ka tlhoafalo, ka lo raya ka re: A ko lo boe, mongwe le mongwe mo tseleng e e bosula ya gagwe, lo siamise ditiro tsa lona! Se lateleng medimo e sele go e direla! Foo lo tla nna mo nageng e ke e lo fileng le borraeno. Mme ga lo a ka lwa sekega ditsebe le e seng go nkutlwa.


Ga ke re, lo a utswa, lo a bolaya, lo senya nyalo, lo ikana ka maaka, lo fisetsa Baale maswalo, lo sala medimo e sele morago e lo sa e itseng!


Mme le fa o sa dire jalo, a go itsiwe ke wena kgosi, fa re sa ka ke ra tlotla medimo ya gago ka gope, le e seng go obamela setshwantsho sa gouta se o se emisitseng.”


“Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ga o itse modimo o sele kwa ntle ga me! Ga go na mopholosi fa e se nna ke le nosi.


Jesu a mo fetola a re: “Ntlogela, Satane! Gonne go kwadilwe ga twe: ‘O tshwanetse go obamela Morena, Modimo wa gago le go direla ene a le esi fela.’ ”


Jaanong fa e le go ja nama ya ditlhabelo tsa medimo ya diseto, re itse gore modimo wa seseto ga o sepe mo lefatsheng le gore ga go Modimo ope o sele, fa e se ona o le mongwe fela.


le fa go ntse jalo re na le Modimo o le mongwe fela, Rara, yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene, yo re bopetsweng ene; le Morena a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete yo dilo tsotlhe di leng ka ene, yo le rona re leng ka ene.


Gonne moo lo go itse sentle gore ga go ope yo e leng seaka gongwe yo o maswe gongwe yo o megagaru yo o ka nnang le boswa mo pusong ya ga Keresete le Modimo, ka e le modiredi wa medimo e sele.


“ ‘O se nne le medimo epe e sele ke ntse ke le teng.


Se lateleng medimo e sele, e bong medimo ya merafe e e mo tikologong ya lona –


Ene Morena, Modimo wa gago, o mo rate ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe le ka thata yotlhe.


Bokhutlo jwa bone ke tatlhego, modimo wa bone ke mpa, tlotlo ya bone ke ditlhong tsa bone; ba gopola tsa lefatshe fela.


A go se nne ope yo o phamolang sekgele mo go lona ka go kgatlhwa ke boikokobetso le kobamelo ya baengele, a ikgantsha ka tse o di bonyeng, a budulosiwa ke tlhaloganyo ya nama ya gagwe kwa ntle ga lebaka,


Jaanong ka wela fa dinaong tsa gagwe go mo obamela. Mme a nthaya a re: “Nnyaya, se dire jalo! Ke motlhanka-ka-wena le bomorwa-rraago ba ba nang le tshupo ya ga Jesu; obamela Modimo.” Kana tshupo ya ga Jesu ke mowa wa boporofeti.


Mme a nthaya a re: “Nnyaya, se dire jalo! Ke motlhanka-ka-wena le bomorwa-rraago le baporofeti le ba ba tshegetsang mafoko a lokwalo lo. Obamela Modimo!”


Ka lo raya ka re, ke nna Morena, Modimo wa lona. Se boifeng medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone. Mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me.’ ”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan