Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 20:2 - Setswana 1970

2 “Ke nna Morena Modimo wa gago yo ke go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ki Yehova Morimo oa lona, eo o lo entsitseñ mo hatsiñ ya Egepeto, le mo tluñ ea botlañka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 “Ke nna Jehofa Modimo wa gago, yo ke go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 20:2
50 Iomraidhean Croise  

“ ‘Ke nna Morena, Modimo wa gago, yo ke go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka.


“Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ga o itse modimo o sele kwa ntle ga me! Ga go na mopholosi fa e se nna ke le nosi.


Ke nna Morena, Modimo wa lona, yo ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore lo se tlhole lo nna makgoba a bone, ka roba dikei tsa joko ya lona, ka lo tsamaisa lo inamologile.


A go se ka ga nna modimo ope wa seeng mo go wena; le gona o se ka wa obamela modimo ope wa ba sele.


Mme Moše a raya morafe a re: “Gakologelwang letsatsi le lo duleng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone. Gonne Morena o lo ntshitse mono ka letsogo le le tiileng. Ka moo a go se ka ga jewa tse di bedisitsweng.


Lo nne le selekanyetso se se siameng le majwe a a supang bokete a a siameng le efa e e siameng le hina e e siameng; ke nna Morena, Modimo wa lona, yo ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.


mme Morena o ne a lo hudutsha ka letsogo le le tiileng, a lo golola mo ntlong ya botlhanka mo seatleng sa ga Farao kgosi ya Egepeto, ka Morena a lo ratile, a tlhokomela maikano a o neng a a ikanetse borraalona.


O nne o gakologelwe gore o ne o le motlhanka kwa lefatsheng la Egepeto, mme Morena, Modimo wa gago, a go ntsha teng ka seatla se se tiileng le ka letsogo le le otlologileng. Ke ka moo Morena, Modimo wa gago, a go laetseng gore o ilele letsatsi la Sabata.


gore ba ditshika tsa lona ba tle ba itse gore ke ne ke nnisa Baiseraele mo metlaaganeng, fa ke ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto. Ke nna Morena Modimo wa lona.’ ”


Gopola gore le wena o kile wa bo o le lekgoba kwa lefatsheng la Egepeto, mme Morena, Modimo wa gago, a go golola. Ke ka moo ke go laelang seo se kajeno.


Lo mo kgobotletse ka majwe gore a swe; ka gonne o batlile go lo faposa mo Moreneng, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka.


“ ‘Lo se ka lwa itirela medimo ya boithamako, le e seng go itlhomela medimo ya diseto le fa e le majwe a motloutlo le e seng go dira majwe a a gwailweng ditshwantsho mo lefatsheng la ga lona go di obamela. Gonne ke nna Morena, Modimo wa lona.


“Mme kgolagano e ke tla e dirang le Baiseraele fa morago ga malatsi ano ke ya go re: Ke tla tsenya molao wa me mo maikutlong a bone, ke o kwala mo dipelong tsa bone; ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna morafe wa me.” Morena a re jalo.


“Reetsang, batho ba me, ke rata go bua, Iseraele; ke tle ke supe ke go tiisetse gore ke nna Modimo, Modimo wa gago.


Kana ga go na pharologanyo mo Mojuteng le Mogerika; gonne ene ke Morena wa botlhe, o humetse botlhe ba ba mmitsang;


A kampo Modimo ke Modimo wa Bajuta fela? A ga se wa Baditšhaba le bone? Ee, ke wa Baditšhaba le bone,


“Ka sebaka seo,” go bua Morena, “ke tla nna Modimo wa ditshika tsotlhe tsa Iseraele, mme bone ba tla nna morafe wa me.”


Ke fa Morena, Modimo wa gagwe, a mo neela mo diatleng tsa kgosi ya Basiria, ba mo fenya ba thopa ba bantsi ba ga gabo, ba ba isa botshwarong kwa Damaseko. Le gona a neelwa mo diatleng tsa kgosi ya Iseraele, ya mo fenya ya nna polao e kgolo,


Ka moo, raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Morena, ke tla lo ntsha mono, ke lo rola morwalo wa go direla Baegepeto, ke lo golola mo botlhankeng jwa lona, ke lo pholosa ka letsogo le le otlologileng le ka dipetso tse dikgolo.


Ka bopelotlhomogi jwa gago o gogile morafe o ò o rekolotseng, wa o isa kwa felong fa go boitshepo ga gago, ka thata ya gago.


Poifo ya ba wela le therego, ba tlhoka puo jaaka lefika ka ntlha ya bogolo jwa letsogo la gago; go fitlhelela morafe wa gago o fete, Morena; go fitlhelela morafe o ò o rekolotseng o fete.


a re: “Fa ò utlwa lentswe la Morena Modimo wa gago ka boikanyo, o dira tse di siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, o tshegetsa melao yotlhe ya gagwe, ga nkitla ke go bolaisa bolwetse bope jo ke watlhaileng Baegepeto ka jona. Gonne nna Morena ke tla nna ngaka ya gago.”


Ya baa gona Modimo o buang mafoko aotlhe a, wa re:


Ba tla lemoga jalo, fa ke le Morena Modimo wa bone yo ke ba ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto gore ke age mo gare ga bone ke le Morena, Modimo wa bone.


Gonne ke nna Morena ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto gore ke nne Modimo wa lona. Ka moo nnang boitshepo, gonne nna ke boitshepo.


Moengele wa Morena o ne a bolola kwa Gilegala, a tla kwa Bogime a re: “Ke lo ntshitse kwa Egepeto, ka lo fitlhisa mo lefatsheng le ke neng ke ikanetse borraeno ka lone ka re: ‘Ga nkitla ke senya kgolagano ya me le lona ka bosakhutleng.’


Gonne nna Morena ke Modimo wa gago; nna Moitshepi wa Iseraele ke mopholosi wa gago. Ke dirile Egepeto serekololo sa gago, ka ntsha Ethiopia le Seba boemong jwa gago.


Ga ba a ka ba botsa ba re: ‘Morena o kae, yo o re ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, a re etelela pele mo sekakeng, mo nageng e e senya ya mangope, mo nageng ya komelelo, ya lefifi le le kwenneng, mo nageng e e sa ralalweng ke ope, kwa batho ba sa nneng teng?’


Ke ka moo Morena a reng: “Bonang, malatsi a tla tla a ba sa tlholeng ba bua ka ona ba re: ‘Ka bophelo jwa Morena yo o ntshitseng Baiseraele kwa lefatsheng la Egepeto!’


“Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Ke dirile kgolagano le borraeno ka nosi ka letsatsi le ke ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka ka lone ka re:


Ka ba laela ka re: A mongwe le mongwe wa lona a latlhe maila a a kgatlhang matlho a gagwe! Lo se ka lwa itlatsa maswe ka medimo e e makgapha ya Baegepeto. Modimo wa lona ke nna Morena.


Ke nna Morena, Modimo wa lona. Sepelang ka fa ditaolong tsa me, lo tshegetse ditshiamo tsa me; di diriseng.


Gape ke nna ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ka lo etelela pele mo sekakeng dinyaga di le 40 gore lo ye go rua lefatshe la Baamori.


Jaanong e re fa bomorwaa-lona ba lo botsa ka moso ba re: ‘Ke go reng?’ lo ba ree lo re: ‘Morena o re ntshitse ka letsogo le le tiileng mo Egepeto mo ntlong ya botlhanka.


Ke nna Morena Modimo wa lona yo ke lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto go lo naya lefatshe la Kanana gore ke nne Modimo wa lona.


Gonne ke batlhanka ba me ba ke ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto; ga ba tshwanela go rekisiwa jaaka makgoba.


Gonne Baiseraele ke batlhanka ba me; ke batlhanka ba me ba ke ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto. Ke nna Morena Modimo wa lona.


“E ne e re fa lo bolola go ya ntweng go tlhabana le baba ba lona, mme lo bona dipitse le dikoloi le batlhabani ba ba lo fetang ka bontsi, lo se ke lo boifa; gonne Morena, Modimo wa lona, yo o lo ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto o na le lona.


Ka lo raya ka re, ke nna Morena, Modimo wa lona. Se boifeng medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone. Mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me.’ ”


Ya re batho botlhe ba bona, ba wela fa fatshe ka difatlhego ba re: “Modimo ke ona Morena! Modimo ke ona Morena!”


Ga dirafala jalo, gonne Baiseraele ba ne ba leofetse Morena, Modimo wa bone, o o neng o ba ntshitse kwa lefatsheng la Egepeto mo taolong ya ga Farao kgosi ya Egepeto, mme ba boifa medimo e sele.


Ba direla medimo e e maila e Morena o neng a ba laetse ka ga yona a re: “Lo se ka lwa dira selo se!”


“Ke ne ka rola magetla a gagwe morwalo, diatla tsa gagwe tsa imololwa seroto.


Ke nna Morena, Modimo wa gago, o o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto; atlhamisa legano la gago gore ke le tlatse.


o ba ree o re: Morena Modimo o bua jaana o a re: E rile ka letsatsi le ke tlhophileng Iseraele ka lone, ka ikanela losika lwa lelapa la ga Jakobe, ka ba ikitsise kwa lefatsheng la Egepeto, ka ba tsholeletsa seatla ka re: Ke nna Morena, Modimo wa lona!


“Mme nna ke Morena, Modimo wa gago, go tloga kwa lefatsheng la Egepeto. Ke tla go nnisa gape mo ditenteng jaaka mo malatsing a moletlo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan