Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 2:7 - Setswana 1970

7 Ke fa kgaitsadie a botsa morwadia Farao a re: “A ke ye go go biletsa mosadi yo o amusang wa Bahebere gore a go amusetse ngwana yo?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

7 Ereha gona khantsarie o raeañ moroaria Faroe, A ga ’nkake ka ea go gu biletsa moamusi oa basari ba Bahebera, gore a gu amusetse ñuana eo?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

7 Foo kgaitsadie a raya morwadia Faro a re: “A ke ke ye go go biletsa moamusi wa basadi ba Bahebere gore a go amusetse ngwana yo?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 2:7
6 Iomraidhean Croise  

Le Miriame, moporofeti wa sesadi, kgaitsadia Arone, a tsaya moropana ka letsogo; basadi botlhe ba tswa, ba mo sala morago ba tshotse meropana, ba ntse ba bina.


Mme kgaitsadie a ema kgakalanyana gore a tle a bone, fa sengwe se mo dirafalela.


Ya re a se khurumolola, a bona ngwana, a fitlhela e le mosimanyana yo o lelang, a mo tlhomogela pelo a re: “Ke ngwana mongwe wa Bahebere.”


Morwadia Farao a mo araba a re: “Ee, dira jalo!” Ke fa lekgarebe leo le ya, le bitsa mmaagwe ngwana.


Letsatsi le lengwe Miriame le Arone ba ne ba nyefola Moše ka ntlha ya mosadi wa Mokhuše yo a neng a mo tsere; gonne o ne a nyetse mosadi wa Mokhuše.


Leina la mosadi wa ga Amerame ke Jogebete oora Lefi, yo mmaagwe a mo tsholetseng Lefi kwa Egepeto; ene a tshola le Amerame Arone le Moše le Miriame, kgaitsadia-bone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan