Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 2:5 - Setswana 1970

5 Ke fa morwadia Farao a fologela kwa nokeng ya Nile go tlhapa, basetsana ba gagwe ba ntse ba tsamaya fa losing lwa noka ya Nile. Jaanong ya re a bona seroto seo mo motlhakeng, a roma lelata la gagwe, la ya la se tsaya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 ¶ Mi moroaria Faroe a hologa go tlacua mo nokeñ; mi baroetsana ba gague ba sepela ha intsiñ ea noka; mi eare a bona serotu mo mokhasiñ, a roma lelata ya yague go se lere.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Morwadia Faro a fologela kwa nokeng a ya go tlhapa; malata a gagwe a nna a tsamaya le lotshitshi lwa noka; mme ene a bona seroto mo motsitleng, a roma lelata la gagwe la ya go se tsaya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 2:5
12 Iomraidhean Croise  

Magakabe a nna a mo isetsa senkgwe le nama mo mosong le maitsiboa, mme a nwa mo nokaneng.


bona ba ba reng: “Re thata ka diteme tsa rona, re na le melomo ya rona; mmusi yo o re laolang ke mang?”


Sefela sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi, se opelwa ka lentswe la motenyane.


fa Modimo o ema go atlhola gore o thuse botlhe ba ba pelonolo ba lefatshe. Sela.


O atlhola lefatshe ka tshiamo, o siamisetsa merafe ka boammaaruri.


Ya re a se khurumolola, a bona ngwana, a fitlhela e le mosimanyana yo o lelang, a mo tlhomogela pelo a re: “Ke ngwana mongwe wa Bahebere.”


Yaa kwa go Farao ka masa – bona, o tla ya kwa nokeng – o eme fa losing lwa noka ya Nile go mo kgatlhantsha gona, o tsee thobane e e fetogileng noga ka letsogo,


Ke fa Morena a raya Moše a re: “Phakela ka masa, o eme fa pele ga Farao – bona, o tla ya kwa nokeng – o mo ree o re: ‘Morena o sa ntse a bua jalo a re: Lesa morafe wa me, o ye go ntirela!


Pelo ya kgosi e tshwana le mesele ya metsi mo diatleng tsa Morena; o e isa gongwe le gongwe kwa a ratang teng.


Mme Morena a roma tlhapi e kgolo gore e metse Jona. Mme Jona a nna mo mpeng ya tlhapi malatsi a le mararo le masigo a le mararo.


Ke fa Morena a laola tlhapi gore e tlhatsetse Jona kwa lefatsheng.


Ya re a sena go bewa kwa nokeng, morwadia Farao a mo tshola, a mo ikgodisetsa gore a nne morwawe.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan