Ekesodo 2:3 - Setswana 19703 Ya re a sa tlhole a kgona go mo fitlha, a mo tseela seroto sa lotlhaka, a se thiba ka boroku jwa mmu le boka, a baya ngwana mo go sona, a ba a se fitlha mo motlhakeng fa losing lwa noka ya Nile. Faic an caibideilBibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)3 Mi eare a reteleloa ki go tlola a mo shuba, a mo tsela serotu sa papira, mi a se kana ka bitumena, le ka boka, mi a baea ñuana mo go shona, mi a se baea mo mekhasiñ ha intsiñ ea noka. Faic an caibideilBAEBELE e e Boitshepo3 E rile a palelwa ke go tlhola a mo subile, a mo tseela seroto sa koma, a se dila ka bitumena le ka boka; a tsenya ngwana mo go sone, a se baya mo motsitleng fa lotshitshing lwa noka. Faic an caibideil |
Le le romang barongwi mo lewatleng ka mekoro ya matlhaka e e tsamayang mo metsing. Lona barongwi ba ba lebelo, yaang kwa setšhabeng sa batho ba baleele ba ba phatsimang letlalo, kwa morafeng o o boifiwang mo ntlheng tsotlhe, o o laolang thata, o o gatelelang, o lefatshe la ona le kgaoganngwang ke dinoka.