Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 2:11 - Setswana 1970

11 Jaanong ya re Moše a sena go nna monna, a ya kwa go ba ga gabo, a bona ditiro tse di bokete tsa bone; a bona monna wa Moegepeto a itaya monna wa ga gabo wa Mohebere.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 ¶ Mi ga rihala mo metleñ euo ka Moshe a sina gola, a coela go bana ba ga rague, mi a leba mebelego ea bona: mi a bona Moegepeto a tlanya Mohebera, oa bana ba ga rague.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 Ga diragala ya re mo metlheng eo, Moše a sena go gola, a tswela kwa go ba ga gabo, a leba merwalo ya bone; a bona Moegepeto a itaya Mohebere mongwe wa ba ga gabo.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 2:11
13 Iomraidhean Croise  

Ya baa gona ba ba beelang baokamedi ba ba ba pateletsang tirong, e le go ba bogisa ka ditiro tse di bokete tsa bone. Ba agela Farao metse ya difala tse di bolokang dijo, e bong Phitome le Ramasese.


Morena a re: “Ruri, ke bonye pogisego ya morafe wa me o o mo Egepeto, ke ba utlwile ba ledisiwa ke bagobagobetsi ba bone; tota ke itse botlhoko jwa bone.


Baokamedi ba e leng Baiseraele ba ba neng ba beilwe ke bagobagobetsi ba ga Farao mo go bone ba itewa, ba bodiwa ga twe: “Ke ka ntlha ya eng, fa maabane le kajeno lo sa fetsa palo ya diekana e lo e laetsweng jaaka gale?”


Kgosi ya Egepeto ya ba raya ya re: “Lona, Moše le Arone, lo dielang batho mo ditirong tsa bone? Yaang kwa ditirong tsa lona.”


Farao a ba a re: “Bonang, ba setse ba atile thata mo lefatsheng la rona. Jaanong a lona lo rata go ba ikhutsisa mo ditirong tsa bone?”


A tiro e imele banna bao tota gore ba itapise ka yona, mme ba se ka ba tlhokomela mafoko a maaka.”


Ka moo, raya Baiseraele o re: ‘Ke nna Morena, ke tla lo ntsha mono, ke lo rola morwalo wa go direla Baegepeto, ke lo golola mo botlhankeng jwa lona, ke lo pholosa ka letsogo le le otlologileng le ka dipetso tse dikgolo.


Ke tla lo tshola gore lo nne morafe wa me; ke tla nna Modimo wa lona, mme lo tla itse gore ke nna Morena Modimo wa lona yo o lo ntshang mono, a lo rola morwalo wa go direla Baegepeto.


“A ga ke re: Go itima dijo mo ke go ratang ke go golola ba ba golegilweng ka tshiamololo; ke go bofolola dikgole tsa botlhanka; ke go lokolola ba ba gateletsweng; ke go roba dijoko tsotlhe tsa botlhanka?


“Tlaang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang; nna ke tla lo lapolosa.


“Mowa wa Morena o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rerela bahumanegi Efangele; a ba a nthoma go fodisa ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwi kgololo, le difofu go baa di bona, le ba ba ketekilweng go ba naya tsela ba golotswe,


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan