Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 2:10 - Setswana 1970

10 Ya re ngwana a sena go gola, a mo isa kwa go morwadia Farao, a nna morwawe, mme a mo taya leina la Moše a re: “Kana ke mo ntshitse mo metsing!”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 Mi eare ñuana a sina gola a mo lere go moroaria Faroe, mi a na yaka moroaue. Mi a mo sha leina ya Moshe: mi a re, gone ki mo shuabotse mo metseñ.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Ngwanyana a gola, mmaagwe a mo isa kwa go morwadia Faro, a nna morwawe. A mo raya leina a re Moše; a re: “Ka gobo ke mo ntshitse mo metsing.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 2:10
11 Iomraidhean Croise  

Le gona moengele wa Morena a mo raya a re: “Bona, o moimana, o tla belega ngwana wa mosimane, o mo tee leina la Isemaele; gonne Morena o utlwile pogisego ya gago.


Atame a ba a itse mosadi wa gagwe gape; a belega morwa, a mo taya leina la Sethe. Gonne a re: “Modimo o mphile ngwana yo mongwe mo boemong jwa ga Abele yo Kaine o mmolaileng.”


“Jaanong he, bomorwao ba babedi ba o ba tsaletsweng mo lefatsheng la Egepeto ke ise ke tle kwano go wena mono Egepeto, ke ba me. Eferaime le Manase e tla nna ba me, fela jaaka Rubene le Simeone.


A ntsha letsogo a le kwa godimo, a ntshwara; a nkinola mo metsing a magolo.


Mme morwadia Farao a mo laela a re: “Tsaya mosimanyana yo, o mo nkamusetse; ke tla go naya tuelo.” Mosadi a tsaya ngwana yo, a mo amusa.


O tla belega mosimane, mme wena o bitse leina la gagwe Jesu; gonne ke ene yo o tla gololang batho ba gagwe mo dibeng tsa bone.”


gore a rekolole ba ba laolwang ke molao, mme re tle re amogele bongwana.


Ke ka tumelo Moše e rileng a sena go gola, a gana go bidiwa morwa morwadia Farao,


Bonang, ke lorato lo lo ntseng jang ne, lo Modimo Rara o re ratileng ka lone gore re bidiwe bana ba Modimo! Mme tota re bone. Ke ka moo lefatshe le sa re itseng, ka gonne ga le a ka la itse ene.


Hana a ithwala, a belega ngwana wa mosimane ka bofelo jwa ngwaga, a mo taya leina la Samuele; gonne a re: “Ke mo kopile Moreneng.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan