Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 19:6 - Setswana 1970

6 Mme lona lo tla nna morafe wa me wa baperesiti le setšhaba se se boitshepo.’ Ke ona mafoko a o tla a bolelelang Baiseraele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

6 Mi lo tla na bogosi yoa baperiseti go ’na, le morahe o o itsephañ. U bue mahuku ua le bana ba Yeserele.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

6 lo tlaa bo lo ntse bogosi jwa baperesiti mo go nna, le morafe o o boitshepo. A, ke mafoko a o tla a buang le bana ba Iseraele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 19:6
37 Iomraidhean Croise  

E bile motlhanka wa gago o mo gare ga morafe wa gago o ò o itlhophetseng, e le morafe o mogolo o o sa ka keng wa balwa le e seng go kwalwa ka ntlha ya bontsi.


Gonne wena o ba lomolotse mo merafeng yotlhe ya lefatshe go nna boswa jwa gago jaaka o buile ka Moše motlhanka wa gago jale fa o ntsha borraetsho kwa Egepeto, Morena Modimo.”


Mme morafe wa gago wa Iseraele ò o dirile morafe wa gago ka bosakhutleng; wena Morena o dule Modimo wa bone.


Juta a nna felo ga boitshepo ga gagwe, le Iseraele ga puso ya gagwe.


a re: “Fa ò utlwa lentswe la Morena Modimo wa gago ka boikanyo, o dira tse di siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, o tshegetsa melao yotlhe ya gagwe, ga nkitla ke go bolaisa bolwetse bope jo ke watlhaileng Baegepeto ka jona. Gonne nna Morena ke tla nna ngaka ya gago.”


“Lo nne batho ba me ba ba boitshepo. Lo se ka lwa ja nama ya se se gagotsweng mo nageng; lo e latlhele dintšwa.


“Le gona o dire papetlana ya gouta e e sa pekwang, o gwae mo go yona jaaka go gwaiwa sekano o re: ‘O itshepetse Morena.’


E re ka o kaega segolo mo matlhong a me, o le yo o tlotlegang, yo ke go ratang, ka moo ke tla ntsha batho boemong jwa gago le merafe boemong jwa bophelo jwa gago.


Mme lona lo tla bidiwa baperesiti ba Morena; ba tla lo bitsa badiredi ba Modimo wa rona. Lo tla ja khumo ya ditšhaba, lo itumisa ka kgalalelo ya tsona.


Ba tla bidiwa “Morafe o o Boitshepo” le “Ba ba golotsweng ba Morena”. Mme wena o tla bidiwa “Yo o batlilweng” le “Motse o o sa tlogelweng”.


“Le gona ke tla ntsha bangwe mo go bone gore ba nne baperesiti le Balefi,” go bua Morena.


Gonne ke ne ke ngapareditse Baiseraele botlhe le Bajuta botlhe mo go nna, jaaka moitlamo o ngaparela mo lethekeng la monna,’ go bua Morena, ‘gore e nne morafe wa me, e nne tumiso le pako le kgalalelo mo go nna, mme ba ganne go utlwa.’


Iseraele o ne a itshepetse Morena, e le letlhafula la kotulo ya gagwe. Botlhe ba ba neng ba le ja ba dira molato; tatlhego ya ba wela.’ Morena o buile jalo.”


Mme ke ba file taolo e e reng: ‘Utlwang lentswe la me! Foo ke tla nna Modimo wa lona, mme lo tla nna morafe wa me! – Lo sepele fela mo tseleng e ke e lo laelang gore lo tle lo phele sentle.’


“Bua le phuthego yotlhe ya Baiseraele, o ba ree o re: ‘Nnang boitshepo, gonne nna Morena Modimo wa lona ke boitshepo.


Kana ke lo reile ka re: Lona lo tla ja naga ya bone boswa, ke tla e lo naya go e rua; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. Ke nna Morena Modimo wa lona yo ke lo lomologantseng le merafe eo.


Mme lo nne ba ba boitshepo ba me, gonne nna Morena ke yo o boitshepo. Ke lo lomologantse le merafe gore lo nne ba me.


Fela a se ka a tsena fa lesireng le e seng go atamela kwa aletareng; gonne o na le bogole; e se re gongwe a itshepolola tse di boitshepo tsa me; gonne ke nna Morena yo ke di itshepisang.’ ”


“Ke lona lo le losi ke lo itsileng mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe; ka ntlha ya moo ke tla lo beletsa maleo otlhe a lona.”


‘Kgolagano e ke e dirileng le lona, fa lo tswa kwa Egepeto, e tlhomame, le Mowa wa me o ntse o le mo gare ga lona; se boifeng!’


Ba kgobokana go lwa le Moše le Arone, ba ba raya ba re: “Go lekanye jaanong! Kana ba botlhe mo phuthegong yotlhe ba boitshepo, mme Morena o mo gare ga bone. Ke ka ntlha ya eng, fa lo itira ba bagolo mo phuthegong ya Morena?”


Jaanong, ba ga etsho, ke a lo kgothatsa, ka re na le kutlwelo-botlhoko ya Modimo, gore lo neele Modimo mebele ya lona go nna setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se o kgatlhang; ke yona tirelo-Modimo ya lona e e lebanyeng.


Fa mongwe a senya Tempele ya Modimo, Modimo o tla mo senya; gonne Tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yona.


“Lo se ka lwa ja setshedi sepe se se suleng ka bosona. Lo ka se naya moeng yo o mo metseng ya lona gore a se je, gongwe lo ka se rekisa mo mothong wa setšhaba se sele. Gonne lona lo morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa lona. Lo se ka lwa apaya potsane ka mašwi a mmaayo.


Morena o rile a re, ene o tla go dira morafe o mogolo o o gaisang ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng ka pako le tumo le bontle gore o nne morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa gago, jaaka a buile.”


“Morena o tla go itlhomamisetsa go nna morafe o o boitshepo wa gagwe jaaka a go ikanetse, fa o tlhokomela ditaolo tsa Morena, Modimo wa gago, o sepela mo ditseleng tsa gagwe.


Gonne lo morafe o o itshepetseng Morena, Modimo wa lona. Morena, Modimo wa lona, o lo tlhophile go nna morafe wa gagwe o a o ruileng, a o tlhaotse mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng.


Ke lo tiisetsa ka Morena gore lokwalo loo lo buisediwe bakaulengwe botlhe ba ba boitshepo.


ineeleng go agiwa jaaka majwe a a tshelang go nna ntlo ya Mowa, ya boperesiti jo bo itshepileng, go tsisa ditlhabelo tsa Mowa tse di kgatlhang Modimo ka Jesu Keresete.


Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,


a ba a re dira dikgosi le baperesiti ba Modimo, Rraagwe; a kgalalelo e nne ya gagwe le thata go ya bosakhutleng! Amen.


Go sego, go bile go boitshepo ene yo o nang le seabe mo tsogong ya ntlha. Mo go bao loso lwa bobedi ga lo na thata epe, mme ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, ba busa nae dinyaga tse kete.


wa ba dira dikgosi le baperesiti ba Modimo wa rona ba ba tla busang mo lefatsheng.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan