Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 19:5 - Setswana 1970

5 Jaanong fa lo utlwa se ke se lo bolelelang, lo se dira, lo tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tla nna ba me go feta merafe yotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

5 Ki gona yana ha lo akelela koru ea me rure, le go tsegetsa kholagano ea me, ereha gona lo tla nañ boshua yoa me bogolu go bathu botle: gone lehatsi yeotle ki ya me:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

5 Ke gone, fa ruri lo ka reetsa lentswe la me, lwa tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tlaa nna boswabotshwerwe jwa me go feta ditšhaba tsotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 19:5
54 Iomraidhean Croise  

Jaanong Modimo wa raya Aborahame wa re: “Fela o tshegetse kgolagano ya me, wena le bana ba gago morago ga gago mo losikeng longwe le longwe lwa bone.


Gonne wena o ba lomolotse mo merafeng yotlhe ya lefatshe go nna boswa jwa gago jaaka o buile ka Moše motlhanka wa gago jale fa o ntsha borraetsho kwa Egepeto, Morena Modimo.”


Mme morafe wa gago wa Iseraele ò o dirile morafe wa gago ka bosakhutleng; wena Morena o dule Modimo wa bone.


Ke mang yo o kileng a nnaya sengwe, yo ke ka mmusetsang? Kana tse di fa tlase ga legodimo lotlhe ke tsa me.


A e ka go kokotlela thata? Gongwe e bua nao ka boleta?


Gonne Morena o itlhophetse Jakobe, e bong Iseraele go nna wa gagwe.


Pesalome ya ga Dafita. Lefatshe ke la Morena le tsotlhe tse di mo go lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone.


Ditselana tsotlhe tsa Morena ke tsa bopelotlhomogi le boammaaruri mo go bona ba ba bolokang kgolagano ya gagwe le ditshupo tsa gagwe.


a re: “Fa ò utlwa lentswe la Morena Modimo wa gago ka boikanyo, o dira tse di siameng mo matlhong a gagwe, o sekegela ditaolo tsa gagwe tsebe, o tshegetsa melao yotlhe ya gagwe, ga nkitla ke go bolaisa bolwetse bope jo ke watlhaileng Baegepeto ka jona. Gonne nna Morena ke tla nna ngaka ya gago.”


Mme e tla re fa lo utlwa lentswe la gagwe, lo dira tsotlhe tse ke di lo laelang, foo ke nne mmaba wa baba ba lona, ke ganetse ba ba lo ganetsang.


A ba a tsaya lokwalo lwa kgolagano, a le buisa mo ditsebeng tsa morafe. Mme wa re: “Tsotlhe tse Morena o di buileng, re tla di dira le go di utlwa.”


a re: “Fa ruri ke bonye bopelotlhomogi mo matlhong a gago, Morena, a Morena a ke a ye le rona – gonne ke morafe wa dithamo tse di gagametseng – mme o re itshwarele molato wa rona le boleo jwa rona, o re tshole, re nne ba gago.”


Ke tla lo tshola gore lo nne morafe wa me; ke tla nna Modimo wa lona, mme lo tla itse gore ke nna Morena Modimo wa lona yo o lo ntshang mono, a lo rola morwalo wa go direla Baegepeto.


Mme ka letsatsi leo ke tla tlhaola lefatshe la Gosene le morafe wa me o agileng mo go lone gore go se ka ga nna diboba teng; ke gona o tla itseng gore ke nna Morena mo lefatsheng lotlhe.


Moše a mo raya a re: “E tla re ke sena go tswa mo motseng, ke tsholeletse mabogo kwa Moreneng; ditumo tsa maru di tla khutla, sefako se kgaotsa gore o tle o itse fa lefatshe e le la Morena.


Tshimo ya moweine ya me e e leng ya me e fa pele ga me. Diselefera tse kete ke tsa gago, Salomo; di le kgolamabedi ke tsa badisa ba maungo a yona.


Fa lo rata go nkutlwa, lo tla ja molemo wa lefatshe.


“Mme wena Iseraele, motlhanka wa me; wena Jakobe, yo ke go itlhaoletseng; losika lwa ga Aborahame, tsala ya me;


Mme jaanong Morena yo o go tlhodileng, Jakobe, yo o go bopileng, Iseraele, o bua jaana a re: “Se boife, gonne ke go golotse, ke go biditse ka leina la gago! O wa me.


Gonne Morena o bua jaana a re: “Baopafadiwa ba ba tshegetsang boSabata ba me ba itlhaolela tse di nkgatlhang, ba itshwarelela ka kgolagano ya me,


Mme yo e leng kabelo ya ga Jakobe ga a tshwane le yona; gonne ke ene yo o bopileng dilo tsotlhe, mme Iseraele ke lotso lo e leng boswa jwa gagwe. Morena wa masomosomo ke lona leina la gagwe.


Gonne ke ne ke ngapareditse Baiseraele botlhe le Bajuta botlhe mo go nna, jaaka moitlamo o ngaparela mo lethekeng la monna,’ go bua Morena, ‘gore e nne morafe wa me, e nne tumiso le pako le kgalalelo mo go nna, mme ba ganne go utlwa.’


Mme ke ba file taolo e e reng: ‘Utlwang lentswe la me! Foo ke tla nna Modimo wa lona, mme lo tla nna morafe wa me! – Lo sepele fela mo tseleng e ke e lo laelang gore lo tle lo phele sentle.’


“Ka ba ka feta fa go wena, ka go bona, ka fitlhela sebaka sa gago e le sebaka sa lorato; ka phutholola kobo ya me, ka go apesa, ka bipa bosaikatega jwa gago, ka go ikanela, ka dira kgolagano nao, mme wa nna wa me.” Go bua Morena Modimo.


Kana ke lo reile ka re: Lona lo tla ja naga ya bone boswa, ke tla e lo naya go e rua; ke lefatshe le le elang mašwi le dinotshe. Ke nna Morena Modimo wa lona yo ke lo lomologantseng le merafe eo.


“Ke lona lo le losi ke lo itsileng mo ditshikeng tsotlhe tsa lefatshe; ka ntlha ya moo ke tla lo beletsa maleo otlhe a lona.”


A tatlhego ya bone wee ba ba ikgodisetsang Sione, ba ba ikanyang thaba ya Samaria! Ba e leng ditlhogo tsa moeteledi pele wa ditšhaba, ba ba okameng Baiseraele.


“E tla re ka letsatsi le ke le etleetsang ba nne ba me,” go bua Morena wa masomosomo; “ke tla ba rekegela jaaka monna a rekegela morwawe yo o mo direlang.


gonne lefatshe ke la Morena, le tsotlhe tse di mo go lone.


Mme fa mongwe a ka lo raya a re, se ke nama ya setlhabelo sa medimo, foo lo se ka lwa ja ka ntlha ya yo o lo boleletseng le ka ntlha ya segakolodi.


Bona, legodimo le legodimo le le godimodimo ke la Morena, Modimo wa gago, le lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone.


Lo tla bona tshegofatso, fa lo utlwa ditaolo tsa Morena, Modimo wa lona, tse ke di lo laelang kajeno;


Gonne lo morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa lona. Morena o lo tlhophile mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng gore lo nne morafe wa gagwe.


“Lo se ka lwa ja setshedi sepe se se suleng ka bosona. Lo ka se naya moeng yo o mo metseng ya lona gore a se je, gongwe lo ka se rekisa mo mothong wa setšhaba se sele. Gonne lona lo morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa lona. Lo se ka lwa apaya potsane ka mašwi a mmaayo.


Kajeno Morena o go utlwile o re, wena o tla nna morafe wa gagwe o o mo ineetseng jaaka a go solofeditse, o tlhokomela ditaolo tsotlhe tsa gagwe.


Morena o rile a re, ene o tla go dira morafe o mogolo o o gaisang ditšhaba tsotlhe tse o di dirileng ka pako le tumo le bontle gore o nne morafe o o boitshepo wa Morena, Modimo wa gago, jaaka a buile.”


“E tla re fa o reetsa lentswe la Morena, Modimo wa gago, sentle o tlhokomela go dira ka fa ditaolong tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laelang kajeno, gona Morena, Modimo wa gago, o tla go dira morafe o mogolo o o gaisang ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe.


“Morena o tla go itlhomamisetsa go nna morafe o o boitshepo wa gagwe jaaka a go ikanetse, fa o tlhokomela ditaolo tsa Morena, Modimo wa gago, o sepela mo ditseleng tsa gagwe.


Mme lona Morena o lo tsere, a lo ntsha mo leisong le le gakolosang tshipi, e bong kwa Egepeto gore lo nne morafe wa gagwe wa boswa jaaka go ntse gompieno.


Morena, Modimo wa rona, o dirile kgolagano le rona kwa Horebe.


Gonne lo morafe o o itshepetseng Morena, Modimo wa lona. Morena, Modimo wa lona, o lo tlhophile go nna morafe wa gagwe o a o ruileng, a o tlhaotse mo merafeng yotlhe e e mo lefatsheng.


Kana ke bone morafe wa gago le boswa jwa gago, ba o ba hudusitseng ka thata e kgolo ya gago le ka letsogo le le otlologileng la gago.’


yo o re ineeletseng losong gore a re golole mo tshiamololong yotlhe, a be a itshekise batho gore e nne ba gagwe ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.


Ke ka tumelo Aborahame a neng a utlwa, jale fa a bidiwa go hudugela kwa lefatsheng le o tla le ruang go nna boswa, mme a huduga, a sa itse kwa a yang teng.


e seng kgolagano e e tshwanang le e nkileng ka e dira le borraabo ka letsatsi le ke ne ke ba tshwere mabogong ka lone go ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto; gonne ga ba a ka ba nna mo kgolaganong ya me, le nna ka ba tlhokomologa, go bua Morena.


Ke fa morafe o raya Jošua o re: “Re tla direla Morena, Modimo wa rona, re utlwa lentswe la ona.”


Mme lona lo losika lo lo tlhaotsweng, lo boperesiti jwa bogosi le morafe o o boitshepo le baruiwa ba Modimo, gore lo tumise ditiro tse dikgolo tsa yo o lo biditseng go tswa mo lefifing, go tsena mo leseding la gagwe le le gakgamatsang,


Mme Samuele a re: “A ditlhabelo tsa phiso le tse di jewang di kgatlha Morena jaaka go utlwa lentswe la Morena? Nnyaya go utlwa go gaisa setlhabelo; go reetsa go phala mafura a diphelehu!


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan