Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 19:4 - Setswana 1970

4 ‘Lo bonye ka nosi tse ke di diretseng Baegepeto, mme lona ka lo belega ka diphuka tsa bontswi, ka lo tlisa go nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 Lo bonye se ki le ka se rihela Baegepeto, mi ka lo belega mo phukeñ tsa manoñ, ka lo lere go ’na.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 o re: Lo bonye se ke se diretseng Baegepeto, le jaaka ke lo rwele ka diphuka tsa bontswi ka lo lere mo go nna.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 19:4
15 Iomraidhean Croise  

Mme ba ba lebeletseng Morena ba ntse ba fiwa thata e ntšhwa; ba tla tlhatloga ka diphuka jaaka bontsu; ba tla taboga, ba sa lape; ba tsamaya, ba sa fele thata.


mo ditlalelong tsotlhe tsa bone; a ba thusa, e seng morongwi le e seng moengele, nnyaya, ene ka esi a ba golola ka lorato lwa gagwe le ka thekegelo ya gagwe; a ba tsholetsa, a ba belega ka malatsi otlhe a bogologolo.


“E rile Iseraele e sa le ngwana, ka bo ke mo rata, ka mmitsa go tswa kwa Egepeto e le morwaake.


‘Kgolagano e ke e dirileng le lona, fa lo tswa kwa Egepeto, e tlhomame, le Mowa wa me o ntse o le mo gare ga lona; se boifeng!’


Rona rotlhe a ga re na Rraarona a le mongwe? A ga se Modimo o le mongwe fela o o re tlhodileng? Ke ka ntlha ya eng, fa re direlana ka boikanyologo, mme re itshepolola kgolagano ya borraetsho?


Morena, Modimo wa lona, yo o lo etelelang pele, ke ene yo o tla lo tlhabanelang fela jaaka a lo diretse kwa Egepeto mo matlhong a lona,


le mo sekakeng kwa lo bonyeng teng jaaka Morena, Modimo wa lona, a lo belege jaaka monna a tle a belege morwawe mo tseleng yotlhe e lo tsamaileng ka yona, ga tsamaya lwa ba lwa fitlha mo felong fano.’


Ke ona mafoko a kgolagano e Morena o neng a laetse Moše go e dira le Baiseraele kwa lefatsheng la Moabe kwa ntle ga kgolagano e o e dirileng nabo kwa Horebe.


Mme Moše a bitsa Baiseraele botlhe, a ba raya a re: “Lo bonye tsotlhe tse Morena o di diretseng Farao le batlhanka botlhe ba gagwe le lefatshe lotlhe la gagwe mo matlhong a lona kwa lefatsheng la Egepeto.


Fela lo itise, lo ipoloke thata gore lo se ka lwa lebala ditirafalo tse matlho a lona a di bonyeng gore di se ka tsa timelela mo pelong tsa lona ka malatsi otlhe a botshelo jwa lona, mme lo di bolelele bana ba lona le bana ba bana ba lona;


Lona ka losi lo bonye tsotlhe tse Morena, Modimo wa lona, o di diretseng ditšhaba tsotlhe tseo fa pele ga lona; gonne Morena, Modimo wa lona, o ne wa lo tlhabanela ka osi.


Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi e kgolo gore a fofele kwa sekakeng, kwa felong ga gagwe kwa o tla otlelwang teng ka sebaka le ka dipaka le ka bo ntlhanngwe jwa sebaka, a le kgakala le sefatlhego sa noga.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan