Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 19:3 - Setswana 1970

3 Moše a tlhatlogela kwa Modimong, mme Morena a mmitsa a le mo thabeng a re: “Bua jaana le Bajakobe, o ree Baiseraele o re:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi Moshe a tlatlogela go Morimo, mi Yehova a biletsa go ena a le mo thabeñ, a re, U ree eintlu ea ga Yakobe yalo, mi bulelela bana ba Yeserele;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Moše a tlhatlogela kwa Modimong, mme Jehofa, a mo tlhaeletsa a le mo thabeng a re: “Bua jaana le ntlo ya ga Jakobe, o bolelele bana ba Iseraele;

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 19:3
12 Iomraidhean Croise  

E rile Morena a sena go fologela mo setlhoeng sa thaba ya Sinai Morena a biletsa Moše teng, mme Moše a tlhatloga.


Mme morafe wa emela kgakala, Moše ene a atamela leru le le kwenneng le Modimo o neng o le mo go lone.


Morena a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano go nna mo thabeng, o nne teng. Ke tla go naya matlapa a maboti le molao le ditaolo tse ke di kwadileng go di ba ruta.”


Moše a nanoga, a na le Jošua, modiredi wa gagwe; Moše a tlhatlogela kwa thabeng ya Modimo,


Modimo wa re: “Kana ke tla nna nao. Mme sesupo sa gore ke go romile ke se: E tla re o sena go ntsha morafe oo mo Egepeto, lo direle Modimo mo thabeng e.”


Mme ya re Morena a mmona a atamela go sekaseka, Modimo wa mmitsa o le mo setlhareng seo se se mitlwa wa re: “Moše! Moše!” Mme a re: “Ke fano.”


Kamoso o bo o ipaakantse, o tlhatlogele phakela mo thabeng ya Sinai, o eme fa go nna teng mo godimo ga thaba.


Moše a betla matlapa a le mabedi a maboti a a tshwanang le a pele, a phakela mo mosong, a tlhatlogela mo thabeng ya Sinai jaaka Morena a mo laetse, a tshotse matlapa a mabedi a maboti ka diatla.


Morena o ne a bitsa Moše, a bua nae a le mo Tenteng ya Boipontsho a re:


“Yo ke ene yo o neng a na le moengele kwa sekakeng, yo o neng a bua nae kwa thabeng ya Sinai a le mo phuthegong ya borraetsho, a amogela mafoko a a phelang go a re naya;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan