Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 19:2 - Setswana 1970

2 Ba ne ba tlogile kwa Rafidime, ba fitlha sekakeng sa Sinai, ba thibelela mo sekakeng. Baiseraele ba thibelela gona go lebagana le thaba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Gone erile ba tloga mo Refidima ba hitla mo bogareganaga yoa Sinai; mi Boyeserela ba tlaolela gona go lebagana le thaba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 E rile ba sena go tloga kwa Refidime, ba fitlha mo sekakeng sa Sinai, ba thibelela mo sekakeng, Iseraele a thibelela gone fa pele ga thaba.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 19:2
10 Iomraidhean Croise  

Jaanong morafe otlhe wa Baiseraele wa tloga kwa sekakeng sa Sine, wa tsamaya o thibelela ka fa taolong ya Morena go ya go fitlha kwa Rafidime. Ba feta ba tlhoka metsi a a nowang.


E rile ba le kwa Rafidime, Baamaleke ba tla, ba tlhabana le Baiseraele.


Jaanong Jetoro, mogwagwadia Moše, a tla kwa go Moše a na le mosadi wa ga Moše le bomorwawe; a tla kwa sekakeng kwa Moše a neng a thibeletse teng kwa thabeng ya Modimo.


Moše o ne a ntse a disa letsomane la ga Jetoro mogwagwadiagwe, moperesiti wa Midiane. O kile a disa letsomane, a fetile sekaka, a fitlha kwa thabeng ya Modimo ya Horebe.


Modimo wa re: “Kana ke tla nna nao. Mme sesupo sa gore ke go romile ke se: E tla re o sena go ntsha morafe oo mo Egepeto, lo direle Modimo mo thabeng e.”


Morena o ne a bua le Moše kwa sekakeng sa Sinai a le mo Tenteng ya Boipontsho ka ngwaga wa bobedi ka la ntlha la kgwedi ya bobedi ba sena go huduga kwa lefatsheng la Egepeto, a re:


Ba bothologa kwa Rafidime, ba thibelela mo sekakeng sa Sinai.


“E rile dinyaga di le 40 di sena go feta, moengele a bonala mo go ene kwa sekakeng sa thaba ya Sinai, a le mo kgabong ya molelo wa setlhare se se mitlwa.


“Yo ke ene yo o neng a na le moengele kwa sekakeng, yo o neng a bua nae kwa thabeng ya Sinai a le mo phuthegong ya borraetsho, a amogela mafoko a a phelang go a re naya;


Dilo tseo ke setshwantsho: Kana basadi bao ba kaya dikgolagano di le pedi, nngwe ke ya thaba ya Sinai e e tsalelang botlhanka, e e leng Hagare;


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan