Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 19:12 - Setswana 1970

12 Le gona beela morafe molelwane mo tikologong ya thaba, o ba ree o re: ‘Itiseng gore lo se palame mo thabeng, le e seng go e ama kwa tlase. Mongwe le mongwe yo o amang thaba e o tshwanetse go bolawa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

12 Mi u bele bathu moleloane tikologoñ, u re, Lo ikehe go tlatlogela thaba, leha e le go ama khutlo sa eona: eo o amañ thaba o tla bolaeloa rure.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

12 O beele batho melelwane mo tikologong ya thaba o re: ‘Lo ikefe, gore lo se tlhatlogele kwa thabeng, le fa e le go ama moripo wa yone; le fa e le mang yo o tlaa amang thaba o tlaa swa ruri:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 19:12
11 Iomraidhean Croise  

Farao a mo raya a re: “Tsamaya o ntlogele, o itise gore o se ka wa bona sefatlhego sa me gape; gonne ka letsatsi le o bonang sefatlhego sa me ka lone, o tla swa.”


Morena a raya Moše a re: “Fologa o laele morafe, e se re gongwe ba sutlhela kwa Moreneng go leba, ba tloga ba swa ka bontsi.


Mme Moše a raya Morena a re: “Morafe o palelwa ke go tlhatlogela mo thabeng ya Sinai; gonne o re laetse thata ka wesi wa re: ‘Agelela thaba ka logora, o e itshepise.’ ”


Mme a Moše a atamele Morena a le esi, bale ba se ka ba atamela; le morafe o se ka wa tlhatloga nae.”


Itiseng gore lo se ka lwa dira kgolagano le baagi ba lefatshe le lo tla tsenang mo go lone, e se re gongwe ba lo fetogela seru ba le mo gare ga lona.


A go se ka ga tlhatloga ope nao; le gona a go se ka ga bonwa ope mo thabeng yotlhe e; le difutshane le dikgomo di se ka tsa atamela thaba e, fa di fula.”


Laela morafe o re: Lo tla ralala naga ya ba ga lona boora Esau ba ba agileng kwa Seire, mme ba tla lo boifa. Fela lo itise thata


Fela lo itise, lo ipoloke thata gore lo se ka lwa lebala ditirafalo tse matlho a lona a di bonyeng gore di se ka tsa timelela mo pelong tsa lona ka malatsi otlhe a botshelo jwa lona, mme lo di bolelele bana ba lona le bana ba bana ba lona;


Gonne ga lo a tla fa thabeng e e ka angwang le e seng fa molelong o o tukang le e seng fa bontshong, le e seng fa lefifing le e seng fa ledimong,


Fela a go nne sebaka fa gare ga lona le lone, e ka nna selekanyo sa mabogo a le kete tse pedi. Lo se ka lwa le atamela gore lo tle lo itse tsela e lo tla tsamayang ka yona; gonne ga lo ise lo ke lo sepele mo tseleng e ka gope.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan