Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 19:11 - Setswana 1970

11 A ba etleetsegele letsatsi la boraro. Gonne ka letsatsi la boraro Morena o tla fologela mo thabeng ya Sinai fa pele ga matlho a morafe otlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

11 Mi ba itletsegele tsatsi ya bo‐teri: gone Yehova o tla hologela mo thabeñ ea Sinai ka tsatsi ya bo‐teri, ha pele ga maitlo a bathu botle.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

11 E re ka letsatsi la boraro boo ba iketleeditse, gonne e tlaa re ka letsatsi la boraro Jehofa o tlaa fologela mo thabeng ya Sinai mo ponong ya batho botlhe.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 19:11
20 Iomraidhean Croise  

Ke fa Morena a fologa gore a bone motse oo le kago e e godimo eo, tse batho ba di agang.


Wa fologela mo thabeng ya Sinai, wa bua nabo o le kwa legodimong, wa ba naya ditshiamelo tse di tlhamaletseng le melao ya boammaaruri le ditao le ditaolo tse di molemo.


Morena, sekamisa legodimo la gago o fologe; ama dithaba gore di kue musi.


Ga kua musi, o tswa mo nkong ya ona, molelo wa tswa mo molomong wa ona o senya, magala a tswa mo go ona a tuka.


Jaanong e rile bo sa ka letsatsi la boraro, ga nna ditumo tsa maru le dikgadima le maru a mantsho mo godimo ga thaba; le gona lonaka lwa kgelebetega ka thata e kgolo. Ke fa morafe otlhe o o mo bothibelelong o tshoga.


Thaba yotlhe ya Sinai ya kua musi ka gore Morena o ne a fologela mo go yona a le mo molelong; musi wa yona wa tlhatloga jaaka musi wa leiso. Mme thaba yotlhe ya roroma thata.


E rile Morena a sena go fologela mo setlhoeng sa thaba ya Sinai Morena a biletsa Moše teng, mme Moše a tlhatloga.


kgalalelo ya Morena ya bo e le mo godimo ga thaba ya Sinai; leru la e khurumetsa malatsi a marataro, mme a bitsa Moše ka letsatsi la bosupa a le mo teng ga leru.


Kgalalelo ya Morena e Baiseraele ba e bonyeng e ne e tshwana le molelo o o tukang mo setlhoeng sa thaba.


Mme ke fologile go ba golola mo diatleng tsa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo le go ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le atlhameng kwa lefatsheng le le elang mašwi le dinotshe, kwa dinageng tsa Bakanana le Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi.


Kamoso o bo o ipaakantse, o tlhatlogele phakela mo thabeng ya Sinai, o eme fa go nna teng mo godimo ga thaba.


Ke fa Morena a fologa a le mo lerung, a ema fa go ene, a kua leina la Morena.


Ke tla fologa, ke bua nao teng, ke tsaya mowa o o tshwanang le o o mo go wena, ke o baya mo go bone gore ba go rwadise morwalo wa morafe o, mme o se o rwale o le wesi fela.


Ga go ope yo o kileng a tlhatlogela kwa legodimong, fa e se ene yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa-Motho yo o mo legodimong.


Gonne ke fologile kwa legodimong, e seng go dira thato ya me, fa e se go dira thato ya yo o nthomileng.


O buile a re: “Morena o ne a tswa kwa Sinai, a ba tlhabela a tswa kwa Seire, a phatsima a le kwa thabeng ya Pharane, a tswa kwa baitsheping ba le masome a dikete, a tsholetse Baiseraele molao o o molelo mo letsogong le le jang la gagwe.


se lebaleng letsatsi le lo neng lo eme fa pele ga Morena, Modimo wa lona, kwa Horebe ka lone, jale fa Morena a nthaya a re: ‘Mphuthele morafe, ke tla ba utlwisa mafoko a me gore ba ithute go mpoifa ka malatsi otlhe a ba phelang ka ona mo lefatsheng, ba be ba a rute bana ba bone.’


Mme Jošua a raya morafe a re: “Iitshepiseng, gonne kamoso Morena o tla dira dikgakgamatso mo gare ga lona.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan