Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 19:10 - Setswana 1970

10 Morena a laela Moše a re: “Yaa kwa morafeng, o ba itshepise kajeno le kamoso; a ba tlhatswe diaparo tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

10 ¶ Mi Yehova a raea Moshe, Ea mo bathuñ, mi u ba tsephe ka yenu le ka mosho, mi a ba tlacue aparo tsa bona,

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

10 Jehofa a raya Moše a re: “Ya kwa bathong o ba itshepise gompieno le ka moso, ba tlhatswe diaparo tsa bone.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 19:10
24 Iomraidhean Croise  

Ke fa Jakobe a raya ba lapa la gagwe le botlhe ba ba nang nae a re: “Tlosang medimo e sele e e mo go lona, lo tlhape, lo apare diaparo di sele.


Mefibosethe morwa Jonathane morwa Saule le ene o ne a tlile go kgatlhantsha kgosi. Mme fa e sa le ka letsatsi le kgosi e tlogileng ka lone go fitlha letsatsing le e tsileng ka lone ka kagiso a ise a ke a tlhape maoto le e seng go ipeola ditedu le e seng go tlhatswa diaparo tsa gagwe.


Fela baperesiti ba ne ba sa lekane, ba sa kgone go bua diruiwa tsotlhe tsa ditlhabelo tsa phiso, mme ba thusiwa ke Balefi ba ga bone, ga tsamaya tiro ya ba ya fediwa, le go fitlhelela baperesiti ba be ba iitshepisa; gonne Balefi ba ne ba tlhoafaletse go iitshepisa bogolo go baperesiti.


a ba laela a re: “Nkutlweng, lona Balefi. Iitshepiseng jaanong, lo bo lo itshepise Ntlo ya Morena, Modimo wa borraeno, lo ntshe maila mo Felong-ga-Boitshepo.


Jaanong e ne e tle e re fa malatsi a meletlo a sena go feta, a rome, a ba bitse, a ba itshepise; a phakele mo mosong, a direle mongwe le mongwe wa bone setlhabelo sa phiso. Gonne Jobe o ne a gopola gore motlhamongwe bomorwaake ba leofile, ba itatola Modimo mo dipelong tsa bone. Jobe o ne a dira jalo ka metlha yotlhe.


gape, mongwe le mongwe yo o rwalang sengwe sa ditoto tsa tsona a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, mme o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.


Le fa e le mang yo o amang bolao jwa gagwe, a a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a be a tlhape; o tla bo a itshekologile go ya maitsiboeng.


Mme morafe ò o ree o re: ‘Iitshepisetseng kamoso, foo lo tla ja nama; gonne lo ledile mo ditsebeng tsa Morena lwa re: Ke mang yo o tla re jesang nama? Gonne re ne re phela monate kwa Egepeto. Ka moo Morena o tla lo naya nama gore lo je.


Yo o itshekileng a a kgatshe yo o itshekologileng ka letsatsi la boraro le ka letsatsi la bosupa, a mo tlhatswe boleo ka letsatsi la bosupa. Jaanong a yo o neng a itshekologile a tlhatswe diaparo tsa gagwe, a tlhape ka metsi; foo o tla bo a itshekile maitsiboa.


e bong dilo tsotlhe tse di sa senngweng ke molelo, lo di ralatseng molelo; foo di tla itsheka; fela a di itshekisiwe ka metsi a a tlhatswang itshekologo. Mme tsotlhe tse di ka senngwang ke molelo lo di ralatseng metsi.


Lo be lo tlhatswe diaparo tsa lona ka letsatsi la bosupa, foo lo tla itsheka. Morago ga moo lo ka tsena mo bothibelelong.”


Mme Balefi ba iitshekisa boleo, ba tlhatswa diaparo tsa bone, mme Arone a ba kgadikanya go nna tshupelo ya kgadikanyo fa pele ga Morena; a ba a ba ruanya go ba itshekisa.


O ba direle jaana go ba itshekisa: Ba kgatshe ka metsi a phepafatso, mme a ba ipeole mmele otlhe ka logare, ba tlhatswe diaparo tsa bone, ba iitshekise jalo.


Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo; mme jaanong lo tlhapisitswe, lo itshepisitswe, lo siamisitswe ka leina la Morena Jesu Keresete le ka Mowa wa Modimo wa rona.


A re atameleng he ka dipelo tsa boammaaruri, re na le tumelo e e tletseng, re kgatshitswe dipelo, go tlositswe matswalo, re bile re tlhapisitswe mebele ka metsi a a phepa.


Mme Jošua a raya morafe a re: “Iitshepiseng, gonne kamoso Morena o tla dira dikgakgamatso mo gare ga lona.”


Tsoga o itshepise morafe, o o ree o re: ‘Ipaakanyetseng kamoso lo nne boitshepo, gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: Go na le tse di hutsitsweng mo gare ga lona, Baiseraele; lo tla palelwa ke go ema fa pele ga baba ba lona go fitlhelela lo be lo tlose tse di hutsitsweng mo go lona.


“Go sego ba ba tlhatswang diaparo tsa bone gore ba nne le tshiamelo mo setlhareng sa bophelo, ba tsene mo motseng ka dikgoro.


Ka mo raya ka re: “Morena wa me, go itse wena.” A nthaya a re: “Ba ke bone ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, ba tlhatswitse diaparo tsa bone, ba di sweufaditse mo mading a Kwana.


A re: “Ka kagiso! Ke tlile go tlhabela Morena setlhabelo. Iitshepiseng, lo tle le nna moletlong wa tlhabelo.” Jaanong a itshepisa Isai le bomorwawe, a ba laleletsa moletlo wa tlhabelo.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan