Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 18:3 - Setswana 1970

3 le bomorwawe ba babedi; leina la mongwe e ne e le Geresome, gonne o ne a re: “Ke moeng mo lefatsheng le sele.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Le bomoroaue ba tu, eo moñue leina ya gague e le le Gereshome; gone a la a re, Ki moeñ mo hatsiñ ya boeñ:

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 le bomorwawe ba babedi: leina la mongwe e ne e le Gerešome, gonne a re: “Ke ntse ke le mojaki mo lefatsheng la boeng.”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 18:3
8 Iomraidhean Croise  

Bomorwa Moše e ne e le Geresome le Eliesere.


Fa o watlhaya motho ka dipetso ka ntlha ya tshiamololo, o nyeletse bontle jwa gagwe jaaka motoutwana; ee, motho mongwe le mongwe ke pudulo fela. Sela.


Siphora a tshola ngwana wa mosimane, mme Moše a mo taya leina la Geresome; gonne a re: “Ke moeng mo lefatsheng le sele.”


Ke fa Moše a tsaya mosadi wa gagwe le bomorwawe, a ba palamisa diesele, a boela kwa lefatsheng la Egepeto. Moše a bo a tshotse thobane ya Modimo ka letsogo.


Ke fa Moše a tshaba ka ntlha ya lefoko leo, a ba a ya go nna lekgwelwa kwa lefatsheng la Midiane, kwa o tsaletseng bomorwawe ba babedi teng.


Botlhe bao ba swetse mo tumelong, ba ise ba amogele tse ba di solofeditsweng, mme ba di bonetse kgakala, ba be ba di itumelela; e bile ba ipolela gore ke baeng le baeti mo lefatsheng.


Baratwi, ke kgothatsa lona, ba lo leng bajaki le baeng gore lo ikilele mo dikeletsong tsa nama tse di tlhabanang le mowa,


Mme Badane ba ikemisetsa modimo ole wa seseto. Jonathane morwa Geresome, morwa Moše, ene le ba lotso lwa gagwe e ne e le baperesiti ba lotso lwa ga Dane go fitlha letsatsing le ba ntshitsweng mo lefatsheng ka lone.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan