Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 17:3 - Setswana 1970

3 Batho ba nyorelwa metsi gona; batho ba ngongoregela Moše ba re: “Ke ka ntlha ya eng, fa o re ntshitse kwa Egepeto gore o re bolae le bana ba rona le diruiwa tsa rona ka lenyora?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

3 Mi bathu ba nyoreloa metse gona; mi bathu ba ñoñoregela Moshe, ba re, U re huruseritseñ Egepeto, go re bolaea, le bana ba rona, le likhomu tsa rona ka lenyora?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

3 Batho ba nyorelwa metsi go nwa; batho ba ngongoregela Moše ba re: “O ne o re ntshetsang kwa Egepeto o tla go re bolaya le bana ba rona, le dikgomo tsa rona, ka lenyora?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 17:3
9 Iomraidhean Croise  

“Wa ba naya dijo tse di tswang kwa legodimong go ba tlosa tlala, wa ba ntshetsa metsi mo lefikeng go ba tima lenyora, wa ba laela gore ba tsene ba rue lefatshe le o neng wa ikana go le ba naya.


Wa ba naya Mowa o o molemo wa gago go ba ruta, wa se ka wa tima melomo ya bone Mmana wa gago, wa ba naya metsi go tima lenyora la bone.


ba tshwerwe ke tlala le lenyora, mewa ya bona e felelwa mo teng ga bona,


Le makgoba a mantsi a bolola nabo le dinku le dikgomo le diruiwa tse dintsi thata.


ba raya Moše ba re: “A go ne go se na mabitla kwa Egepeto, fa o re huduseditse go tla go swela mo sekakeng? O ne o re ntshetsang kwa Egepeto?


Mme batho ba ngongoregela Moše ba re: “Re tla nwa eng?”


Ruri, banna botlhe ba ba bonyeng kgalalelo ya me le ditshupo tsa me tse ke di dirileng kwa Egepeto le mo sekakeng, mme ba ntekile gasome, ba gana go utlwa lentswe la me,


Lo ne lo tsisetsang phuthego ya Morena mo sekakeng seno gore re swele fano le diruiwa tsa rona?


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan