Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 17:2 - Setswana 1970

2 Mme morafe wa lwa le Moše wa re: “Re fe metsi re nwe.” Mme Moše a ba raya a re: “Lo lwelang le nna? Ke ka ntlha ya eng fa lo leka Morena?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

2 Ki gona bathu ba ganelañ le Moshe, mi ba re, Re nee metse gore re noe. Mi Moshe a ba raea, Lo ganelelañ le ’na? lo raelelañ Yehova?

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

2 Batho ba ganela le Moše ka ntlha ya gone moo, ba re: “Re neye metsi gore re nwe.” Moše a ba raya a re: “Lo ganelelang le nna? Lo leka Jehofa ka ntlha yang?”

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 17:2
32 Iomraidhean Croise  

Mme ba akofa ba lebala ditiro tsa gagwe, ba se ka ba letela taelo ya gagwe.


Ba tlala keletso mo sekakeng, ba raela Modimo kwa nageng e e senya.


Ba leka Modimo mo dipelong tsa bona ka go lopa dijo ka fa kgatlhegong ya bona.


Ba leka Modimo gangwe le gape, ba kgopisa Moitshepi wa Iseraele.


Mme bona ba ne ba leka Modimo, Mogodimodimo, ba o rukhutlhegela, ba sa tlhokomele ditshupo tsa ona.


“Se thatafatseng dipelo tsa lona jaaka kwa Meriba le ka letsatsi la Masa mo sekakeng,


kwa borraalona ba nthaetseng teng, ba nteka, etswe ba bonye ditiro tsa me.


Mme batho ba ngongoregela Moše ba re: “Re tla nwa eng?”


Moše a ba a re: “Go tla dirafala jalo, fa Morena a lo naya nama maitsiboa gore lo je, le bogobe mo mosong gore lo kgore. Gonne Morena o utlwile dingongorego tsa lona tse lo mo ngongoregetseng ka tsona. Rona re eng? Ga lo ngongoregele rona, lo ngongoregela Morena.”


Felo foo a go taya leina la Masa le Meriba ; gonne Baiseraele ba ne ba lole, ba leka Morena ba re: “A Morena o teng mo gare ga rona gongwe nnyaya?”


Ba ba raya ba re: “A Morena a lo bone, a lo atlhole; gonne lo re nkgisitse fa pele ga Farao le batlhanka ba gagwe, lwa ba lwa tsenya tšhaka mo diatleng tsa bone go re bolaya.”


Mme Ahase a re: “Ga ke rate go se kopa, e se re gongwe ka bo ke leka Morena.”


Ka moo rona re tumisa ba ba ikgogomosang; le gona ba ba dirang tsa boikepo ba a tswelela pele; e bile ba raela Modimo, mme ba a falola!’ ”


Baiseraele botlhe ba ngongoregela Moše le Arone, phuthego yotlhe ya ba raya ya re: “Bogolo re ka bo re swetse kwa lefatsheng la Egepeto! Kampo ra swela mo sekakeng seno!


Ruri, banna botlhe ba ba bonyeng kgalalelo ya me le ditshupo tsa me tse ke di dirileng kwa Egepeto le mo sekakeng, mme ba ntekile gasome, ba gana go utlwa lentswe la me,


Batho ba be ba ngongoregela Modimo le Moše ba re: “Lo re ntsheditseng kwa Egepeto gore re swele mo sekakeng? Gonne fano ga go na dijo, ga go na metsi, re bile re tennwe ke dijo tsa Mmana tse di bosula.”


Jesu a mo fetola a re: “E bile go kwadilwe ga twe: ‘O se ka wa leka Morena, Modimo wa gago!’ ”


Yo mmotlana a raya rraagwe a re: ‘Rra, mphe kabelo ya boswa e e ntshwanetseng.’ Mme rraagwe a ba kgaoganya tse ba phelang ka tsona.


Jesu a mo fetola a re: “Go tilwe: ‘O se ka wa leka Morena, Modimo wa gago.’ ”


Jaanong he, lo lekelang Modimo ka go baya jokwe mo melaleng ya barutwa, e le e borraetsho le rona re neng re sa nonofa go e rwala?


Ke fa Petoro a mo raya a re: “Ke go reng, fa lo dumalanye go leka Mowa wa Morena? Bona, dinao tsa ba ba fitlhileng monna wa gago di fa mojako, le wena ba tla go rwalela kwa ntle.”


Le gona a re se raeleng Morena jaaka bangwe ba bone ba ne ba mo raela, ba tloga ba nyelediwa ke dinoga.


“Lo se ka lwa leka Morena, Modimo wa lona, jaaka lo kile lwa mo leka kwa Masa.


“Le kwa Thabera le kwa Masa le kwa Diphupung-tsa-bohula lo ne lwa galefisa Morena.


kwa borraeno ba nthaetseng teng mo tekong, ba ntse ba bonye ditiro tsa me dinyaga di le 40.


Mme lefoko leo le ne le le bosula mo matlhong a ga Samuele, fa ba re: “Re neele kgosi gore e re buse.” Ka moo Samuele a rapela Morena.


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan