Biblia Todo Logo
Bìoball air-loidhne

- Sanasan -




Ekesodo 16:4 - Setswana 1970

4 Ke fa Morena a raya Moše a re: “Bona, ke tla lo nesetsa bogobe jo bo tswang kwa legodimong, mme a batho ba tswe go sela jo bo lekanyeng letsatsi le le lengwe ka malatsi otlhe gore ke ba leke, ke bone gore a ba tla sepela ka fa molaong wa me gongwe nnyaya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible)

4 ¶ Ereha gona Yehova o raeañ Moshe, Bona, ki tla lo holosetsa liyo tse ri coañ legorimoñ, mi bathu ba tla coela eintle ba ipapalela tekano ea tsatsi leñue le leñue gore ki ba leke ha ba tla sepela kaha molaoñ oa me, khotsa nya.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac

BAEBELE e e Boitshepo

4 Foo Jehofa a raya Moše a re: “Bona, ke tlaa lo nesetsa dijo di tswa kwa legodimong; batho ba tlaa tswa ka tsatsi lengwe le lengwe ba ya go ipapalela mo go lekanyeng letsatsi leo fela, gore ke ba leke ke bone boo ba tlaa sepela mo taolong ya me kgotsa nnyaa.

Faic an caibideil Dèan lethbhreac




Ekesodo 16:4
17 Iomraidhean Croise  

Kana go ne go le taelo ya kgosi ka ga baopedi le thulaganyo e e tlhomameng ka ga bone ka fa go batlegang kopelo letsatsi lengwe le lengwe ka teng.


“Wa ba naya dijo tse di tswang kwa legodimong go ba tlosa tlala, wa ba ntshetsa metsi mo lefikeng go ba tima lenyora, wa ba laela gore ba tsene ba rue lefatshe le o neng wa ikana go le ba naya.


Wa ba naya Mowa o o molemo wa gago go ba ruta, wa se ka wa tima melomo ya bone Mmana wa gago, wa ba naya metsi go tima lenyora la bone.


E rile ba lopa, a tsisa maphurrwana, a ba kgorisa senkgwe sa legodimo.


Jaanong wa laela maru kwa godimo, wa bula mejako ya legodimo.


Jaanong ya re ene a goela kwa Moreneng, Morena a mo supetsa setlhatshana sengwe; ya re a sena go se latlhela mo metsing, metsi a nna monate. Gona foo a ba beela melao le dikaelo, foo a ba leka


Fa Baiseraele ba di bona, ba botsana ba re: “Dilo tse ke eng?” Gonne ba ne ba sa di itse. Moše a ba araba a re: “Ke jona bogobe jo Morena o bo lo nayang go nna dijo tsa lona.


Bolotsana le mafoko a maaka di katose mo go nna. Se mphe lehuma le e seng lehumo. Mphe dijo tse di ntekanyeng,


Re fe gompieno sejo sa rona sa letsatsi.


O re fe kajeno sejo sa rona sa letsatsi.


botlhe ba ja sejo se le sengwe fela sa mowa;


yo o neng a go jesa Mmana mo sekakeng, o borraeno ba neng ba sa o itse gore a go kokobetse le go go leka gore a tle a go direle tse di molemo kwa bofelong.


Gopola tsela yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o go tsamaisitseng mo go yona dinyaga tse di 40 kwa sekakeng gore a tle a go kokobetse, a go leke, a itse tse di mo pelong ya gago gore a o tla tlhokomela ditaolo tsa gagwe gongwe nnyaya.


Mme fa e le bosula mo matlhong a lona go direla Morena, itlhopheleng kajeno yo lo ratang go mo direla, a medimo e borraeno ba neng ba e direla ba le kwa moseja ga noka ya Ferathe kampo medimo ya Baamori ba lo agileng mo lefatsheng la bone, mme nna le ba lapa la me re tla direla Morena.”


Lean sinn:

Sanasan


Sanasan